Dikgakololo di ka hema dintsho dingwe
15 Mar 2020
Mapodisi a Mahalapye a gakolotse setshaba go kopa thuso le bogakolodi mo bagolong le dikgosi go rarabolola matshwenyego a bone.
Superintendent Boitshepo Modongo o boletse mo potsolotsong fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa dipolaano le go ikgapela matshelo.
A re mo Mahalapye ba ne ba begelwa fa go na le monko o o utlwalang go tswa mo ntlong nngwe mme go belaelwa fa mongwe a ka tswa a tlhokafaletse moo.
Morago ga pego eo, Supt Modongo a re ba ne ba ya kwa ntlong eo kwa Xhosa 1, mme ba fithela rre wa dingwaga tse di masome a mabedi le boraro, yo o tlholegang kwa Mokoswana, a akgega mo marulelong a ntlo.
O tlhalositse fa ba fitlhetse moswi a akgega mme a bofeletswe matsogo ka ko pele, ka jalo ba ne ba tshwanelwa ke go letela ngaka go tlhatlhoba mmele ka o ne o setse o senyegile thata.
A re ba ne ba tlhoka go dira ditlhotlhomiso tsa potlako ka jaana go ne go sa kaege sentle fa motho yoo a ne a ipolaile kgotsa a bolailwe.
Supt Modongo o ne a kaya fa ba ne ba nna le ditiego ka ba ne ba tshwanelwa ke go leta moitseanape mogolo go tswa kwa Francistown.
Fa a sena go tlhatlhoba mmele oo, moitseanape o ne a kaya fa go supega fa rre yoo a sa bolawa, mme e le ene a ipofileng matsogo pele ga a ikgapela botshelo.
Supt Modongo a re morago ga ditlhatlhobo, batsadi ba ne ba fiwa tetla ya go boloka ka potlako.
O kaile gape fa moswi yo o neng a direla mo khamphaneng nngwe kwa Shoshong, a tlogetse mokwalo go laela masika.
A re moswi o sale a tsamaya a le mo malatsing a gagwe a boikhutso kwa tirong.
O tlhalositse fa tiragalo e, e le ya botlhano go gatisiwa, go simolola ka Hirikgong.
Mo go tse dingwe, Supt Modongo a re ba tshwenngwa ke go thubiwa ga matlo bogolo jang kwa Boseja/Flowertown le go epololwa ga megala ya motlakase.
O boletse fa bogodu jwa leruo le jone bo tshwenya bogolo jang jwa dipodi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 15 Mar 2020