Baithuti ba gakolotswe go ditoro tsa bone ka dinao
15 Mar 2020
Moeteledipele wa mokgatlho wa Glory Charity, Rre Bathuseng Gabatshele, o kgothaditse baithuti ba sekolo sa Mokani kwa Letlhakane go nna le toro ya gore ba batla go dira eng mo botshelong.
Rre Gabatshele o buile jalo fa a ile go kgothatsa baithuti ba lekwalo la bosupa kwa sekolong seo bosheng.
A re gore motho a fitlhelele toro ya gagwe, o tshwanetse go bereka ka natla mo dithutong tsa gagwe.
O ne gape a gakolola gore baithuti ba tlhophe ditsala tse di siameng.
Rre Gabatshele a re motho yo o nang le tebelopele ga a kake a latlhegelwa ke kelelelo e bile ga a fekeetswe ke mekgwa ya balekane.
A re fa motho a na le maikaelelo o ka fetola botshelo jwa gagwe ka thuto, a tlatsa ka gore dikgwetlho tsa botshelo ga di a tshwanela go ba kgoba marapo.
O ne gape a re gore motho a atlege mo botshelong, o tshwanetse go sala morago toro le maitlamo a gagwe le fa go ka nna thata jang.
Rre Gabatshele a re motho o tlhoka Modimo mo botshelong jwa gagwe.
Morutabana Mme Thato Kesentseng ene o ne a kopa baithuti go tsaya dikgakololo ka tlhwaafalo ka jaana di ka fetola matshelo a bone.
Mme Kesentseng o ne a ba rotloetsa go reetsa ka dikgakololo tse di le botlhokwa e bile di ka ba kgontsha gore ba tokafatse maduo a bone.
Mongwe wa baithuti, Loago Chapete, a re dithuto tse ba di filweng di botlhokwa e bile ba ithutile go le gontsi.
Loago a re ba tshwanetse go nitama mo tirong ya bone ya sekole gore ba tle ba fenye mo dithutong tsa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Letlhakane
Event : Kgothatso baithuti
Date : 15 Mar 2020