Puso e tlaa sekaseka mananeo
15 Mar 2020
Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane a re puso e tshwere ka natla go sekaseka ka fa go ka tlhabololwang ka teng go abiwa ga mananeo a dithuso.
E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Ditshukudu bosheng, Mme Nnaniki Makwinja, a tlhalosa fa ditshekatsheko di tsweletse go betla tsela ya kafa mananeo a ka tokafadiwang ka teng go re batho ba kgone go bona dipoelo tse di nametsang.
Mo go tse dingwe, Mme Makwinja, go gape e leng Mothusa tona wa Thuto go tswa kwa Moding, o ne a gakolola ka botlhokwa jwa go upolola dikgang tsa kgokgontsho ya bong e a tlhalosang fa gape e ka senyetsa bana bokamoso.
O buile se fa a tsibogela matshwenyego a banni, mo go bone go le Mme Koolebale Lekone, yo o neng a kopa puso go tsenya leitlho mo tlhokomelong ya masimo ka mangwe a hupeditswe ke mohero ka ntata ya gore batho ba tabogile le mananeo a mangwe a puso.
A re mhero wa mmabasete o setse o tshabisa bangwe temo ka jaana o apesitse masimo a bone, kgang e areng ba belaela e bakilwe ke dipeo tse ba di abelwang ke puso.
“A seemo se tsibogelwe ka go abela balemi dichefi go thusa go bolaya mhero oo, o jaanong go lebega o ikadile le bontsi jwa masimo,” ga gakolola mme Lekone.
Mangwe a matshwenyego a ga Mme Lekone e nnile gore a seemo sa go aba mananeo a puso se dirwe ka kelothoko, go hema seemo se mo go sone Batswana bangwe ba ikgatholositseng temo go siana le Ipelegeng.
E re le ntswa banni bangwe ba lela ka go tlhoka dikoloi tse di rwalang setshaba kwa kgaolong eo, bontsi bo dumela fa tharabolo e ka nna tokafatso ya seemo sa ditsela, ka jaana maiteko a bangwe a phirimisitswe ke ditsela tse di sa siamang.
Bangwe ba ne ba ntsha matshwenyego ka seemo sa borukutlhi.
Rre Kgotlaetsile Lekone ene a re o dumela fa tharabololo ya seemo sa borukutlhi jo bo jesetsang morafe kgobedung e le mo go bone morafe.
A re go tlhoka tshwaragano ya morafe le bogosi go betla methale e ka yone botlhokatsebe bo ka bepisiwang ka teng.
Rre Lekone o ikuetse mo go mopalamente go netefatsa gore kemedi ya gagwe e nna le maduo, a tlatsa ka gore kgaolo eo e tswa kgakala e emetswe ke mapalamente a e leng matona mme ditlhabololo tsa kgaolo eo di saletse kwa morago.
Modulasetilo wa komiti e tlhokomelelang balwetse kwa malwapeng, Mme Gobotsa Chere, o kopile gore bathugi ba lemogwe ka go fiwa diphaphatha jaaka badiri ba Ipelegeng, ka jaana le bone ba tshwere boikarabelo jwa go thusa mo kgodisong ya ngwana.
E rile a ntsha la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Mahetlwe/Ditshukudu, Rre Simon Maroane, a re go tlhokafala mapodisi aa direlang kwa Ditshukudu mme a kopa gape kgotla e tlhatlosiwe maemo, ntlha e a supang ba tshwere ka natla go netefatsa tharabololo ya yone.
Le ene o kopile morafe le boeteledipele jwa motse go tshwaraganela twantsho borukutlhi le gone gore morafe o itshekatsheke le go elana tlhoko ka jaana dikgang tsa borukutlhi di thaega mo gare ga bone, mme ebile e le bone ba ka di rarabololang. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Ditshukudu
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Mar 2020