Tsela ya A3 e batla go potlakelwa
12 Mar 2020
Makhanselara a legare a kopa gore tsela ya A3 e baakanngwe ka e le mo seemong se se sa itumediseng.
Fa ba akgela mo puong ya modulasetilo bosheng, ba boletse fa tsela eo e tletse dikhuti e bile e baka dikotsi.
Mokhanselara wa Nshakazhogwe, Rre Wabuya Chebani a re go botlhokwa gore tsela eo e tsibogelwe ka e le yone e bajanala ba ba yang kwa mafelong a tshwana le Okavango ba e dirisang.
A re tsela eo e itlhokomolositswe ka e sale e dirwa ka dingwaga tsa bo 1976 mme e ise e baakanngwe, a tlatsa ka go re seemo sa yone se bifetse pele ka e senngwa gape ke dipula.
A re mo nakong e e fetileng go kile ga ntshiwa lekoko le le neng la ya kwa go tona yo o neng a lebagane le ditsela Rre Kitso Mokaila, mme a solofetsa fa madi a a tlaa dirang tsela eo a le teng mme e tlaa dirwa, jaanong nako kgolo ke eno.
O ne a kopa modulasetilo go ba thusa kgang eo gore tsela eo e dirwe ka ponyo ya leitlho.
Mo go tse dingwe, Rre Chebani o ne a akgola modulasetilo a bolela fa puo ya gagwe e nonne e bile e tlhokana le kemo nokeng ya botlhe gore a kgone go dira maikaelelo a gagwe.
Mokhanselara wa Mathangwane, Rre Samora Gabaake o ne a supa fa bontsi jwa matlhabelo mo kgaolong ya legare a le mo seemong se se sa itumediseng mme a tlhokana le go tsibogelwa ka go tlhajwa dikgomo di le palo e e sa nametseng ka jalo khansele e latlhegelwa.
O ne a ntsha mogopolo wa gore go lejwe tse di ka dirang madi jaaka go rekisa motlhaba mme tiro eo e ka dirwa ke dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse.
A re mo nakong eno bangwe ba bagwebi ba tsaya motlhaba mo metseng ntleng le dituelo dipe mme dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di ka bona gore di ka dira jang go ba duedisa.
Fa a bua ka lenaneo la banana la YDF, o ne a supa fa go supega fa dikgwebo tsa banana dingwe di sa tswelele mme go tlhokana le ditlhotlhomiso tse di tseneletseng go bona gore mathata ke eng gore a tsibogelwe.
Fela jaaka Rre Chebani, Rre Gabaake o ne a supa fa tsela ya A3 e tlhokana le go tsibogelwa ka e le nngwe ya ditsela tse di fedileng boleng e bile e na le seabe se sentsi mo itsholelong ya lefatshe leno.
Mokhanselara wa Kumaga/Moreomaoto, Rre Thomas Kgethenyana o ne a ntsha mogopolo wa gore lefatshe leno le tswe mo lekgotleng la CITES go itebaganya le kgang ya ditlou tse di apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba.
A re lefatshe fa le ka tswa mo lekgotleng la CITES le ka nna le sebaka sa go boela.
Rre Kgethenyana o ne gape a supa fa madi a ditlhabololo a dikgaolo go lebilwe one fela mo makhanselara ba felelang ba sa tlhaloganye gore ditlhabololo tse ba neng ba di solofeditswe tsa mananeo a tshwana le a National Development Plan di santse di le teng ka go sa buiwe ka tsone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Kakgelo mo puong ya modulasetilo
Date : 12 Mar 2020