A dikhamphane di tsenngwe leitlho - makhanselara
11 Mar 2020
Makhanselara a Bokone Bophirima ga a jesiwe diwelang ke dikhamphane tsa badisa dikago tse di sa dueleng babereki sentle.
Ba re ba lemogile fa maphata mangwe a puso a thapa dikhamphane tse di tswang kwa ntle ga kgaolo tse di felelang di thapa beng gae mme morago di ba tloegele mo legoeleleng ba sa duelwa.
Ba supile jalo fa ba akgela mo pegong ya modulasetilo wa khansele yo le ene a kaileng fa kgang eo e sa mo robatse ka jaana dikompone di eja beng gae ntsoma.
Ba kopile maphata a puso go tsenya dikhamphane tseo leitlho ba re di sotla ka babereki le gone go ba gakaletsa lehuma le ntswa puso e di duela sentle.
Mokhanselara wa Chanoga/Phuduhudu, Rre Geoffrey Sekuni a re go ngomola pelo ka jaana babereki ba kgona go nna dikgwedi di le thataro ba sa duelwe mme mong wa khamphane ene a duetswe.
Mo dikgannyeng tse dingwe, o ne a batla ditlhaloso ka go diega ga go agwa ga matlo kwa Phuduhudu a re rakonteraka o sale a neetswe tiro mme go lebega a goga dinao.
E ne e rile go le pele modualsetilo wa khansele, Rre Kebareeditse Ntsogotlho a supa fa baeteledipele ba le mo mathateng ka jaana babereki ba ikuela mo go bone.
A re go botlhokwa gore ba di bee leitlho ka jaana go ka nna motlhofo go di latedisa fa di nyelela ka madi a babereki.
O gateletse gape botlhokwa jwa go bitsa dikhamphane tseo go di ama ka lefoko ka jaana di gataka ditshwanelo tsa babereki ka dinao.
Mokhanselara wa Thamalakane Bokone, Rre Onthatile Molamu ene o ne a lela ka difofane dingwe tse di tlhamalalang kwa makgobokgobong a re di baya kgaolo mo diphatseng tsa go angwa ke seru sa bolwetse jwa COVID-19.
A re go tshwanetse ga dirwa thulaganyo ya gore difofane tsotlhe di fete ka mapagamelo a difofane gore bajanala kana bapagami ba kgone go tlhatlhojwa pele ga ba fetela kwa makgobokgobong.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Brigadier Letsogile Motsumi o ne a mo tlatsa a re go laola bolwetsi joo go ka nna thata ka jaana motsamao wa difofane o mo ntsi mo makgobokgobong, a supa fa dingwe di tlhamalala fela teng di sa fete ka mapagamelo a difofane mo Maun.
O supile gape fa maemelo a difofane le one a le mantsi mo makgobokgobong mme e bile gape dingwe tsa difofane di ikemela fela fa go bulegileng teng mme a kopa gore ba botsogo ba itshwaraganye le batsayakarolo ba bagwe go bona gore dikgang tseo di ka rarabololwa jang go kganela kanamo ya mogare wa COVID-19.
A re ba ka tlhopha lefelo le le lengwefela le difofane tse di tswang kwa ntle di ka kotamang mo go lone gore ba kgone go ba tlhatlhoba pele ga ba tsena mo dikampeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Bokopano jwa Khansele
Date : 11 Mar 2020