Breaking News

Dipolaano di a tshwenya

11 Mar 2020

Mapodisi a Mahalapye a kopile setshaba go kopa thuso le bogakolodi mo bagolong le dikgosi go rarabolola matshwenyego a bone. Mo potsolosong le BOPA, mookamela mapodisi, Superintendent Boitshepo Modongo o boletse fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa dipolaano le go ikgapela matshelo. 

Supt Modongo a re mo Mahalapye, ba ne ba begelwa fa go na le monko o o utlwalang go tswa mo ntlong mme go belaelwa fa mongwe a ikgapetse botshelo mo maitseboeng a Matlhatso. 

Morago ga pego eo, Supt Modongo a re ba ne ba ya kwa ntlong eo kwa Xhosa 1 ba fithela rre wa dingwaga tse di masome  mabedi le boraro, yo o tlholegang kwa Mokoswana, a akgega mo marulelong a ntlo. 

O tlhalositse fa ba fitlhetse moswi a akgega mme a bofeletswe matsogo ka kwa pele, ka jalo ba ne ba tshwanelwa ke go letela ngaka go tlhatlhoba mmele ka o ne o setse o senyegile. 

A re ba ne ba tlhoka go dira ditlhotlhomiso tsa potlako ka jaana go ne go sa kaege sentle fa motho yoo a ne a ipolaile kgotsa a bolailwe. 

O ne a kaya fa ba ne ba nna le ditiego ka ba ne ba tshwanelwa ke go leta moitseanape mogolo go tswa kwa Francistown, mme a goroga ka Sontaga mo mosong. 

Fa a sena go tlhatlhoba mmele oo, moitseanape o ne a kaya fa go supega fa rre yoo a sa bolawa, mme e le ene a ipofileng matsogo pele ga a ikgapela botshelo. 

Supt Modongo o tlhalositse fa batsadi ba ne ba fiwa pego gore ba ye go o boloka ka potlako. 

O kaile gape fa moswi yo o neng a direla mo komponeng ya security kwa Shoshong, a tlogetse mokwalo a laela ba masika. 

A re moswi o sale a tsamaya a le mo malatsing a gagwe a boikhutso kwa tirong. 

O tlhalositse fa tiragalo e, e le ya botlhano ya mohuta o go gatisiwa, go simolola ka Hirikgong. 

Mo go tse dingwe tse di sa robatseng kgaolo, Supt Modongo a re ba tshwenngwa ke go thujwa ga matlo, bogolo jang mo Boseja/Flowertown, le go epololwa ga megala ya motlakase. 

O boletse fa le bogodu jwa leruo bo sa ba robatse, bogolo jang jwa dipodi ka jaana go lebega di tsewa motlhofo ka dipalo tse dintsi ka dikoloi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 11 Mar 2020