Breaking News

Mapodisi a tshegeditse monna mabapi le molato wa titeo

11 Mar 2020

Mapodise a Tshane a tshegeditse monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi go ya kwa go a mararo le botlhano, yo o tlholegang kwa Zutshwa, mabapi le dipelaelo tsa  go keteka a bo a gobatsa mokapelo wa gagwe.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, mookamela mapodisi a Tshane, Superitendent Vusimuzi Jorowe, o tlhalositse fa tiragalo eo, e diragetse ka Mosupologo morago ga gore bobedi joo, bo tlhoke kutlwisisanyo mo lwapeng, mme wa rre a felela a ketekile mme yoo, a mo gobotsa mo mmeleng.

Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa motswasetlhabelo a robaditswe kwa sepateleng se sebotlana sa Hukuntsi mme a supa fa a sidilega.

Supt Jorowe a re mmelaelwa o tlaa isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kwa Hukuntsi go arabela molato oo.

O ne a supa fa go kukela ga melato ya dititeo tse di bakang dikgobalo di ile magoletsa.

A re mo kgweding eno, ba setse ba gatisitse dikgang di le pedi kwa Ngwatle e nngwe kwa Zutshwa, fa bontsi jwa dikgang bo sa begelwe mapodisi.

O ne a gwetlha banni go ikgapha mo mokgweng wa go rarabolola dipharologanyo ka go lwa mme a ba rotloetsa go ithuta go buisana kana go ka kopa bogakolodi mo batsading kana baeteledipele ba motse.

Mo go tse dingwe, Supt Jorowe o kopile setshaba go ba batlisa manweenwee mangwe a go bolelwang a thukuthile lebentlele lengwe bosigo jwa Mosupologo kwa Lehututu.

A re manweenwee ao, a tsenye ka lenga la seloko ka dithoto le madi a go iseng go tlhomamisiwe gore ke bokae.

Le fa go ntse jalo, o ne a rotloetsa bagwebi go tlhomamisa gore ba  thapa badisa dikago le go isa dipoelo tsa thekiso kwa mabolokelong a madi go na le go a tlogela mo mabentleleng ka jaana a a bo a sa sireletsega. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Hukuntsi

Event : Potsolotso

Date : 11 Mar 2020