Ofisi ya moamogedi ga e sekise
10 Mar 2020
Mogolwane go tswa kwa ofising ya moamogedi Rre Bafi Nlanda a re ofisi ya gagwe ga e sekise jaaka bangwe ba akanya.
A re e itebagantse le go dira se kgotla ya ditsheko e laotseng gore se dirwe, bogolo jang go gapa dithoto dingwe tse di amegang kana tse di rekilweng ka madi a ditiro tsa borukutlhi.
O buile se jaaka fa a ne a buisa khansele ya Legare kwa Serowe bosheng.
Rre Nlanda a re ofisi ya gagwe gape e tlhokomela dithoto tse di gapilweng go fitlhelela kgotla ya ditsheko e laola gore di busediwe mong wa tsone kana e nne tsa puso.
A re ofisi ya gagwe e dira le maphata a a farologaneng mme e diretswe go itebaganya le dikgang tsa madi a a tswang mo ditirong tsa borukutlhi gore lefatshe leno le nne phepa e bile bagwebi ba tle mo go lone ka tshosologo go sena pelaelo ya gore madi a bone ke a ditiro tsa borukutlhi.
O supile fa mo go tseeng ditaelo go tswa kwa makgotleng a ditsheko mo dinakong tse dingwe ba a bo ba sa itse gore jaaka ba di gapa jalo kgang tota ke eng ka ba dira tiro ya bone ka go laelwa.
Rre Nlanda o supile fa mo nakong eno ofisi ya gagwe e setse e gapile dithoto tsa P166 million tse di akaretsang ditsha, matlo, dikoloi, dikgomo le tse dingwe kwa mafelong a a farologaneng a lefatshe leno.
A re ofisi ya gagwe e itemogetse fa go na le bothata kwa lekgotleng la kabo ditsha jo bo tshwanetseng go tsibogelwa.
A re motho a le mongwe o kgona go fiwa ditsha di le dintsi thata e se ka fa tsamaisong fa bangwe ba tlhatswa madi a ba nang le one ba a tsere ka ditsela tse e seng tsone ka ditsha tseo kana ka go aga matlo.
O ne a fa sekai ka dikgang dingwe tse di supang fa batsadi bangwe ba felela ba tsenngwa mo dikgannyeng ke bana ka ba felela ba ba agela matlo ba dirisa madi a a leswe ao kana a a amegang mo dikgannyeng tseo.
A re go ngomola pelo ka batsadi bone ba a bo ba filwe ditsha tseo ka tsamaiso.
E re ntswa makhanselara mangwe ba ne ba supa fa melao mengwe e e sutisitsweng e tlaa babalela bahumanegi ka bangwe ba nna le dithoto mme ba sena dipampiri tse di supang gore ba di tsaya kae, bogolo jang leruo.
Rre Nlanda o ne a tlhalosa fa molao o o sa kgokgontshe ope mme o o fa motho sebaka sa go supa gore o tsaya kae se a nang le sone.
O ne a kopa makhanselara a Legare go nna matlho a setshaba mme ba thuse puso mo dikgannyeng tsa borukutlhi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 10 Mar 2020