Breaking News

Phuthego e lwantsha kgokgontsho

10 Mar 2020

Mapodisi a Serowe a kopane le kereke ya Pentecostal Holiness ba boloditse letsholo la go lwantsha kgokgontsho ya bong e ba bolelang e kekela jaaka molelo wa naga.

Mapodisi a ne a etetse kereke eo ka Tshipi kwa go neng go tshwaiwa letsatsi la mafatshefatshe la bomme  kwa Serowe bosheng.

Mogolwane wa mapodisi a Serowe Superintendent Poloko Oteng o boletse fa ba bone go le botlhokwa go kopanela dikgang tse di diragalang tsa kgokgontsho ya bong le dikereke.

A re bomme ba kgokgontshiwa thata go na le borre le bana ba basetsanyana.

O kaile fa mo Serowe dikgang tse dintsi e le tsa borre ba biditse, ba bolaile ba thubeditse le go ratana le basetsanyana ba ba dingwaga tse di kwa tlase.

Rre Oteng o boletse fa ngogola ba kwadisitse dikgang tsa thubetso di le 30 mme a kaya gore mo go tsone tse pedi fela ke fa go thubediwa borre ke borre ba bangwe.

A re gone ngwaga oo go ne ga thubediwa ngwana yo o dikgwedi di lesome le bosupa teng mo Serowe ga bo ga thubediwa bana ba dingwaga tse di kwa tlase.

O boletse gore se se ngomolang pelo ke gore dikgang tsa bomme le basetsana  ba dingwaga tse di kwa tlase di  tshololwa ka mmetela ke batswasetlhabelo ba kaya fa ba itshwarela dilalome mo gongwe ba bolela fa ba e buile kwa lwapeng.

Mogolwane mo lephateng la bong kwa Serowe Mme Peloyame Tladi le ene o ne a iteela kobo moroko ka kgokgontsho ya bong a bolela fa bomme e le bone ba santseng ba saletse kwa morago mo dilong di le dintsi.

O boletse fa dikereke dingwe di sa letlelele bomme go etelela diphuthego pele go twe borre ke bone fela ba ka etelelang pele fa le kwa kemeding ya sepolotiki bontsi e le borre ba ba tlhophiwang, a rotloetsa bomme go tlhopha bomme ba bangwe ka ba nonofile go ka etelela pele.

Mme Tladi a re mo mananeong a a ntshiwang ke puso o fitlhela bomme e le bone ba ba fiwang madi a a kwa tlase e bile go twe ba dire ditlhopha, a bolela gore ba fiwa madi a go ka rekisetsa mo ditafoleng ka fa tlase ga ditlhare fa borre ba fiwa madi a dipolase le didiba.

O boletse fa kgokgontsho e beile bomme ka fa mosing, a bolela fa ngwao ya Setswana e siame mme golo gongwe go na le fa e beileng bomme ka fa mosing teng ka go twe monna ke ene tlhogo ya lelwapa.

A re le mo tlhakanelong dikobo go busa rre. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Letsholo la go lwantsha kgokgontsho ya bong

Date : 10 Mar 2020