A Madi a dikgaolo a okediwe - Sekwape
09 Mar 2020
Makhanselara a kgaolo ya Legare a kopile gore madi a P10 million a a fiwang dikgaolo tsa bopalamente a okediwe ka go lemotshega fa a dira ditlhabololo ka bontsi e bile a tlhama mebereko kwa magaeng.
Makhanselara a ne a akgela mo puong ya modulasetilo wa khansele ya legare mo dipuisanyong tsa khansele tse di tsweletseng kwa Serowe.
Mokhanselara wa Seolwane/Mokokwana/Mosweu kwa kgaolong ya Tswapong Mme Caroline Sekwape o boletse fa madi ao a dirile ditlhabololo di le mmalwa thata a kopa puso go a oketsa go menagane.
Mme Sekwape o boletse gore fa e sale madi ao a simolodisiwa, ditlhabololo mo dikgaolong di a bonala le mororo go santse go na le ditlhaelo fale le fale.
Le fa go ntse jalo, o boletse fa ditsela kwa kgaolong ya Letswapo di santse di sa tsamaege fa dingwe tse di tshwanetseng go gopiwa kgapetsakgapetsa go tsaya nako di sa gopiwe mme di nne thata le go tsamaega.
O kopile gore tsela ya Mokokwana/Seolwane e gopiwe kgapetsakgapetsa go santse go emetswe sekontere.
Mo go tsa botsogo o boletse fa go tlhagogile bolwetse jwa kgotlholo e tona (TB) mo kgaolong ya Letswapo mme ka lebaka la tlhaelo ya dingaka le baoki kwa dikokelwaneng go le thata go bo laola ka nako.
O boletse fa bolwetse joo bo gola ka ponyo ya leitlho.
Mokhanselara Sekwape o boletse fa sekole sa Seolwane se dira bontle mo dithutong le maduo mme sebe sa phiri e le matlo a borutelo a a makgasa, a tlhoka go shafadiwa mo go tseneletseng.
O lebogetse mananeo mangwe a puso, a bolela fa a dira sentle e bile a ntshitse Batswana bangwe mo lehumeng.
Bontsi jwa makhanselara ba ngongoregile ka tiego ya go abela banana ditsha tsa bonno, ba bolela fa ba tlhatlagana fela le batsadi kwa malwapeng.
Ba kopile maphata a kabo ditsha go ititaya ka thupana go abela banana ditsha ka nako go lese go nna moyagoleele.
Ba buile ka tlhaelo ya maroko a bodirelapuso e ba reng e baka gore ba nne boitseme mo tirong ka go sena fa ba latsang tlhogo teng ba phuthologile. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Dipuisanyo tsa khansele
Date : 09 Mar 2020