Kgosi Bakwena o latlhetse a le 83
08 Mar 2020
Dibui ka go farologana di galaleditse Kgosi Motshegetsi Bakwena wa kgotla ya Lekgwapheng kwa Molepolole go bo e ne e le moeteledipele wa motia e bile a nnile le seabe se setona mo go rotloetseng boithaopo le go aga banana ba ba neng ba tlhoka tsebe.
Dibui tse di buile jalo kwa meletlong wa tsamaya sentle bosheng kwa Molepolole jaaka Kgosi Bakwena yo o dingwaga tse 83 a ne a tlogela tiro ka bogodi morago ga go etelela morafe wa kgaolo eo dingwaga di le 29.
Kgosi Bakwena o ne a tlhoma morwawwe Thato Bakwena, go tswelela a eteletse pele morafe wa Lekgwapha.
Mongwe wa dibui Kgosi Mompoloki Motswagole yo e leng moemedi wa Ntlo Ya Dikgosi, mo kgaolong ya Molepolole le tikologo, o akgotse le go rolela futshe tsamaiso e e tsepameng ya go etelela morafe ga ga Kgosi Bakwena, mo a reng go akotswe ke bontsi ka a ne a go dira ka tsamaiso, neelano e bile a eteleditse morero pele.
Kgosi Motswagole o akgoletse batho ba lekgwapheng neelano mo go tlogeleng tiro ga ga Kgosi Bakwena, a re ke e e rothisang lethe, e sana medumo e gangwe le gape e diragalang fa go bulega phatlha ya setilo sa bogosi.
Kgosi Motswagole o kgadile dikgang tsa gore batho ba lwele setilo sa bogosi mo mafelong a ba sa itseng le ditso tsa one, a re go botlhokwa go sala tsamaiso e morago, gore ba ba lebanyeng e nne bone ba tsayang boikarabelo jwa go etelela morafe pele.
“Re setse re lapisiwa ke bogosi jo bo tlhophelwang se se bakwa ke dintwa tsa ba ba ithokomolosang boammaaruri.
A re saleng tsamaiso morago re emise go nna megagaru,” ga gakolola kgosi,
O gakolotse fa setilo sa bogosi e le se se tlhokang boikarabelo jo bo kwa godimo, mme ka jalo a gakolola kgosi yo o se kotamang gore o ka goga ka tolamo fela fa a goga ka go sala morago tsamaiso ya puso, e seng go itshegela tema e e ka mo digelang ka lemena.
Mo go la gagwe, Rre Tiroentle Pheto yo e leng mongwe wa bagolo ba kgotla ya Lekgwapha, o ne a tlhalosa fa Kgosi Bakwena, a ne a godisitse thata mowa wa boithaopo mo kgaolong le go bopaganya morafe.
O rotloeditse gore tirisanyo mo kgaolong e tswelele e none ka go akola dikitso tsa ga Kgosi Bakwena mme ba tswelele ka go mo lemoga le go dirisa tseo go tlhabolola kgaolo go ya pele
“Kgosi Bakwena ke moriti wa setlhare o re tshwanelang go tswelela re o akola, mme re mo gakologelwe ka dinako tsotlhe gore a seka a rusa jaaka thipa ya mokopelo e e lathilweng,” ga gakolola Rre Pheto
Kgosi Bakwena o kailwe e le moetelediepele yo o neng a ila lebaibai botlhokatsebe jwa bana ba ba nnang mo malwapeng a batsadi.
E rile a ntsha molaetsa wa go laela morafe wa gagwe, Kgosi Bakwena a lebogela go bo morafe e seng wa gagwe fela, o ne o mo lemoga jaaka moeteledipele wa motia o ba neng ba dumela mo go ene go thusa go aga le go nyeletsa botlhoka tsebe jwa bana mo kgaolong eo.
“Le fa kgaolo ya me e ne e le ya makgatlhanela thapong, ya batho ba dingwao tse di farologanyeng, seo ga e ise e nne sekgoreletsi ka jaana batsadi ba ne ba dumela mo go nna go busetsa molao le tolamo mo baneng ba ba aperweng ke botlhoka tsebe.”
O galaleditse moeteledipele yo o simolodisitseng diofisi tsa mapodisi tse e leng tsa ntlha e bile e le tsone fela mo Molepolole, Senior Superintendent Agreement Mapeo yo a mo kaileng e ne e le mongwe wa dinatla tse sepodisi sa Botswana se kileng sa mo rua, ka go nna boineelo le bobelotheri mo go direng le morafe.
Kgosi a re o ne a tlhongwa mo setilong sa go busa morafe wa Lekgwapheng a sena go boa kwa Afrika Borwa ka 1991.
A re tiro ya gagwe ya bogosi e ne ya nolofadiwa ke go bo a ne a ikaega ka bogakolodi jwa badirelapuso ba ba neng ba tlogetse tiro ka bogodi.
Kgosi Thato Bakwena yo o neng a se kotama o ne a potapotilwe ke balekane ba gagwe go tswa kwa kgotleng ya Mokgalo, ba le bone ba neng ba latlhela tlhware legonnyana go neela molekane wa bone lefoko la kgothatso mo tirong ya go tla go direla setshaba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : MOLEPOLOLE
Event : Moletlong wa tsamaya sentle
Date : 08 Mar 2020