Breaking News

Go isa ditirelo kwa setshabeng go botlhokwa

08 Mar 2020

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tsabong, Rre Ronald Baitsiwe a re maikaelelo a puso ke go isa ditirelo kwa setshabeng ka seo se ka ba thusa go nna le kitso le go tlhaloganya ka ditirelo le maitlamo a puso a a farologanyeng.

O buile jaana kwa Khawa mo letsatsing la go isa ditlamelo kwa setshabeng ke maphata a puso go tswa mo Kgalagadi Borwa le le neng le rulagantswe ke ba ofisi ya ga molaodi ka Labotlhano.

A re maitlamo a khansele-potlana ke go tshwara letsatsi leo mo sephatlong sa ngwaga le ngwaga e le tsela ya go tokafatsa ka fa setshaba se thusiwang ka teng.

Rre Baitsiwe o ne a supa fa maitlamo a puso e le go thusa setshaba ka ditirelo ka nako e e tshwanetseng le gone go rerisana ka matshwenyego a bone ka tsholofelo ya gore kwa bofelong ba kgone go tswa ka ditharabololo, dikgakololo le dikeletso tsa bone go tswa mo metseng e e farologanyeng ba tshwaragane le bogogi jwa metse jaaka dikgosi, komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) le komiti ya bodirelapuso (VET).

O supile fa ditlhabololo di ka kgonagala fela fa boeteledipele bo tshwaragane le go ba ema nokeng ba bua ka lentswe le le lengwe.

A re bodiredi jwa puso bo tshwanetse go thusa setshaba ka botho le matsetseleko ka nako tsotlhe le gone go isa ditirelo le ditlamelo tsa maemo a ntlha, ba setse morago maitlamo a puso a 10 Point Agenda.

Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi leo, mothusa molaodi Rre Bigboy Mangwa o ne tlhalosa fa e le go atametsa ditirelo gaufi le setshaba, le gone go tsosolosa dikomiti tsa metse.

Rre Mangwa a re go botlhokwa go isa ditirelo pele ka gore go le gantsi fa ba isa ditlamelo ka malatsi a motshameko wa Khawa Dune Challenge, setshaba ga se tsee tsia ka maikutlo a bone a a bo a le kwa godimo ba sena sebaka sa theetso.

Mokwaledi mogolo wa khansele- potlana ya Tsabong, Rre Jimmy Mackenzie o tlhalositse tiro kgolo ya VDC le VET.

O boletse fa e le ya di ya thoteng di bapile, mme di tshwanetse go dira mmogo go tlhabolola metse e e farologanyeng mo kgaolong eo.

Rre Mackenzie a re komiti ya VDC ke palamente ya motse fa komiti ya badirela puso ya VET e le yone e ba gakololang mo ditsamaisong le ditlhabololo tsa metse.

A re komiti eo, e bopilwe ka bodirela puso bo akaretsa mogokgo, mooki, molemisi, ba boipelego le ba bangwe.

O supile fa ditlhopho tsa komiti ya VDC di tshwanetse go tshwarelwa kwa kgotleng, e bile go direlwa mo pontsheng, di bopilwe ka maloko a a akaretsang dikgotlana tsotlhe mo motseng.

Rre Mackenzie a re komiti ya VDC, e tshwanetse go ntsha dipego tsa ka fa ba dirisitseng madi ka teng le gone go itsese setshaba ka fa ditlhabololo di tsweletseng ka teng, morago ga kgwedi tse tharo mo ngwageng, a tlatsa ka go supa fa tshwaragano, tirisano mmogo le merero e le yone konokono mo go tlhabololeng metse.

Fa a amogela baeng, Kgosi Piet Manyoro wa Khawa, o ne a ngongorega ka tsela e e mo motseng, a re ga e tsamaege ka e le lokgarapana le dikhuti, mme seo se paledisa morafe go ya go kopa dithuso kwa motseng mogolo Tsabong. O kopile puso gore go tshelwe sekontere, a supa fa ba tswa kgakala ba kopile mme go se nko e tswang lemina.

Molaodi wa kgaolo ya Kgalagadi, Rre Patson Dibotelo fa a akgwa kgosi dikgaba, o ne a supa fa ba tlaa sekaseka le go buisana le ba ba lebaneng ka kopo ya gagwe ya tsela.

O ne a rotloetsa bagwebi ba babotlana ba motse oo go ema ka dinao ba itirela go tokafatsa matshelo a bone, ka go rekisa le go bapatsa dithoto tsa bone mo setshabeng se se phuthaganetseng kwa motseng oo.

Rre Dibotelo o ntshitse thotloetso eo, morago ga go lemoga fa go ne go sena mogwebi ope yo o neng a rekisa mo letsatsing leo, le ntswa badiri ba maphata ba ne ba tlhokana le dijo, e le tsela nngwe ya go tsholetsa bagwebi ba motse oo.

Maphata a a neng a tsibogetse letsatsi leo, a akaretsa lephata la ga molaodi, la dikitsiso, omang, tlhabololo banana metshameko le ngwao, la diphologolo makgabisa naga, khansele, ba kabo ditsha, Legal Aid, dikgolegelo, lephata la matlhoko a leruo le a mangwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : By Cathrine Simane

Location : KHAWA

Event : Letsatsi la go isa ditlamelo kwa setshabeng

Date : 08 Mar 2020