Moepo wa Morupule o tlaa katolosiwa
05 Mar 2020
Bagolwane ba moepo wa Morupule ba lekodisitse banni ba Palapye ka tse di diragalang kwa moepong oo.
Ba ne ba buisa phuthego kwa motseng oo maabane.
Mongwe wa bagolwane, Rre Letsibogo Ndwapi, o ne a tlhalosetsa morafe ka go katolosiwa ga moepo wa magala wa Morupule.
A re ba ntse ba epa ka go gonya magala ka fa tlase ga le fatshe, mme jaanong ba bone magala a a tlaa ntshiwang mo moepeong o o bulegileng.
Rre Ndwapi a re gotswa ka 2011/12 madirelo a magala a ne a atolosiwa go sena go lemogwa fa magala a le mantsi thata.
A re ka 2014, dipitsa tsa magala di le pedi di ne tsa bulwa go oketsa tse di teng, a tlhalosa fa e tlaare mo nakong e e tlang go bulwe tse dingwe gape tse pedi.
O tlhalositse fa moepo wa magala a a fa godimo o ya go tlhongwa kwa Morupule le Mogoroswane, o karetsa bokone jwa masimo a Mpudula, Mmantshadidi le Sajwe.
Mafelo mangwe a a amilweng ke katoloso ya moepo ke masimo a Majwana-Matshwana, Hulwane, Masama,Mosususepene, Nakatsakgama,Tshetlhong, Ditlhojwane, Kgaswe, Jwenyane, Mmantshadidi, Leupane, phuduhudu, sediba sa dipoo, le Mpudula. Rre Ndwapi a re tiro ya go teratelela e setse e simologile, mme e tlaa wela ka dikgwedi tsa mariga.
O ne a tlhalosa fa ba buisanya le dikhamphane tse ditswang kwa ntle ka tsa khiro e le go batsibosa gore ba seka batla ka bodiredi ka gona le bodiredi jo ka dirang ditiro mono. O supile fa moepo o, e le wa puso ka tshwaragano le khamphane ya tlhabololo ya meepo.
Bagolwane ba bangwe ba moepo, Mme Lindiwe Matikiti le Rre Tebelelo Marumo, ba ne ba tlhalosa ka tsamaiso ya khiro le tse ditlhokwang. A re ba sala melawana ya khiro morago le gone go bona gore ditiro ga di neelwe batswakwa Batswana bale teng.
Ba ne ba supa fa ba tshwaragane le makalana a mangwe jaaka LEA le UNDP go rutuntsha banana ka tsa kgwebo.
Gone gape ga tlhalosiwa ka dithuso tse di neelwang morafe ke moepo mme go tlhokega gore ba ipope ditlhopha gore ba akole mananeo a mo moepo wa Morupule.
Ba supa fa moepo o tsweletse ka go thapholola letsogo go thusa gongwe le gongwe kwa letlhoko le leng teng kwa Palapye le metse e e mo tikologong ka tsotlhe tse ba ka dikgonang.
Ba supile fa tsotlhe tse di amang kgotelesego ya tikologo di etswe tlhoko e bile ditseelwa kwa godimo go bona gore ga di ame matshelo a batho, dimela, leruo le diphologolo.
Ba ne ba ikuela mo setshabeng go ikopanya le bone fa ba belaela gore tikologo e ka tswa e amagile ka nngwe tsela kwa masimo le merakeng ya bone, mme ba re ba dira ditlhatlhobo kgwedi le kgwedi go lekola seemo sa tikologo.
Mongwe wa bagwebi, Rre Patrick Moji, o ne a supa fa bagwebi ba dipalamo ba sa kgone go itlhabolola sentle ka gore dikonteraka tse ditlhapiwang ga di ba duele sentle.
Bangwe ba re lefa go ikwadisiwa kwa lephateng la khiro go seka ga lebelelwa gore motho o ikwadiseditse eng ka ditiro di le bonya go bonala ba re go tsewe ka go ikwadisa ga bone yo o tsileng pele.
Mongwe wa banana, Rre Gaothobogwe Mojaboswa, a re a Batswana ba fiwe sebaka a supa fa dikhamphane dingwe di tla ka bodiredi le fa go lekwa gore ba thape beng gae pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : Palapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 Mar 2020