Breaking News

Badirelapuso kwa Good Hope ba lela ka bonno

05 Mar 2020

Badirelapuso kwa kgaolong potlana ya Good Hope ba tlhalositse fa go tlhoka boroko go ba kgoba marapo mo tirong.

Ba ne ba bua mo phuthegong ya badirelapuso ee neng e buisiwa ke mookamedi wa lephata la tsa khiro ya badirelapuso  Mme Goitseone Mosalakatane bosheng.

Mogolwane mo ofising ya thuto, Mme Ruth Matlhape, o tlhalositse fa  seemo  sa go tlhoka boroko se ngomola pelo. 

 O tlhalositse fa badirelapuso bangwe ba tsoga kgakala. 

O kaile fa se se dira gore maduo mo tirong a wele kwa tlase. 

O supile gore matlo aa leng teng a setse a onetse, mme a tlhoka go baakanngwa.

Mo go tse dingwe, Mme Matlhape o tlhalositse fa go nna lebaka mo kgaolong le gone go sa ba jese diwelang. 

O kaile fa thulaganyo ya gore banyalani banne mmogo e siame mme o kare ga e tsibogelwe sentle kwamaphateng ka go farologana. 

A re se sengwe se se ngomolang pelo mo kgaolong ke gore maphata a bo a santse a sokola ka di ofisi mme a kopa puso gore e ba agele diofisi ka maphata a oketsegile.

O kopile puso go tsibogela seemo sa ditlamelo tse di se yong mo dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo. 

O kaile fa bothata e le gore o fitlhela ditlamelo tsotlhe di felela ko ditoropong le ntswa tiro e ntsi e bonwa kwa dikgaolong. 

Mme Matlhape o tlhalositse fa seemo sa letlhoko la dikoloi le sone se se ngomola pelo mme a kopa bogogi gore le fa ba aba dikoloi ba lebelele le gore kgaolo e tlhoka koloi e ntseng jang.

E rile a ntsha la gagwe, Mme Mosalakatane a bolela fa ba itse dingongorego tse, mme ba tshwere ka natla gore go bonwe gore seemo se se ka tokafala jang. 

O tlhalositse gore go maleba gore fa badirelapuso ba ntsha dingongora, go nne le megopolo gore ba ka thusiwa jang. 

O kaile fa dikgang go tshwana le tsa go nnela ruri mo kgaolong lebaka le leleele di sa siama ka di dia tiro mme a tlhalosa fa lekoko kwa lephateng la gagwe le tshwere ka natla go bona gore go ka dirwa jang gore seemo se se fetolwe gore bodirelapuso bo gole le gone gore badirelapuso ba tle ba bereke ka natla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GOOD HOPE

Event : Phuthego

Date : 05 Mar 2020