Breaking News

Makhanselara ga a dumalane le pego

05 Mar 2020

Makhanselara mangwe a kgaolo ya Legare ba re puo e modulasetilo wa khansele ya Legare a neng a e baya khansele pele ga e tlhaela dintlha dingwe tsa botlhokwa. 

Ba buile jalo fa ba ne ba akgela mo puong ya modulasetilo wa khansele eo Rre Ketshwereng Galeragwe. 

Mokhanselara wa kgaolwana ya Mokobeng/Ngwapa, Rre Joseph Molamu, a re mafoko a modulasetilo wa khansele a neng a a baya khansele pele ga a kake a isa khansele pele ka a sa itebaganya le matshwenyego a setshaba se nang le one. 

A re mafoko a ga Rre Galeragwe ga a a itebagganya le dikgwebo tse dipotlana le ntswa itsholelo ya lefatshe leno e tshwerwe ke bone. 

Rre Molamu o ne gape a bolela fa bagwebi ba ba botlana ba sena fa ba gwebelang teng ebile ba retelelwa ke go tsamaisa dikgwebo tsa bone fa dipula di na ka jalo ba tlhoka gore ba agelwe fa ba rekisetsang teng.

A re modulasetilo ga a ka a itebaganya le letlhoko la ditiro le le aparetseng banana. 

O ne a supa fa puo ya modulasetilo e sena madi a ditlhabololo tsa kgaolo ya Legare.

Rre Molamu o ne a tshwaela gape gore go na le dingwaga di le lesome go ntse go sena ditlhabololo tse ditona kwa kgaolong eo.   

Mokhanselara wa Shoshong Borwa, Rre Samuel Mphoyakgosi, a re go ne go le botlhokwa gore modulasetilo a itebaganye mahumo a tsa tlholego a go ka dirwang tsa bojanala ka one.

Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba akgola modulasetilo ba supa fa puo ya gagwe e tla a isa khansele ya bone pele.

Makhanselara; Rre Khumo Motonto le Mme Pini Morupisi ba re pego ya ga Rre Galeragwe e supa fa a na le maikaelelo a a tsepameng.

Ba re puso e na le mananeo a a nonneng a le mantsi gore Batswana ba itshetse jaaka la Nyeletso Lehuma mme seo a se  supile mo puong ya modulasetilo wa khansele ya Legare.

Rre Motonto a re puso e tsweletse sentle ka go thusa Batswana bogolo jang mananeo a banana a go supileng mo puong ya ga Rre Galeragwe fa banana ba le 8 852.  

A re mo puong ya ga modulasetilo go supa fa mo palong e e setseng e thusitswe, dikgwebo tsa banana di le 7 037 di tsweletse.

Mme Morupisi ene o ne a kopa gore dikhansele potlana ka bongwe ka bongwe di sekaseke gore mathata a gore dikole di seka tsa dira sentle ke eng.

A re o tshwenngwa ke gore maduo a dikole a tsweletse ka go wela tlase mme kgang eo e tshwanetse e tsibogelwe. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Serowe

Event : Phuthego ya khansele

Date : 05 Mar 2020