Mapodisi a tlhotlhomisa bogodu
04 Mar 2020
Mapodisi a Masunga a tlhotlhomisa ditiragalo di le mmalwa tsa bogodu.
Mookamela mapodisi a Masunga, Superintendent Gaolatlhe Ngayaya, o boletse fa go ne ga thujwa matlo le marekisetso mme ga utswiwa madi le dithoto ka go farologana kwa Masunga, Vukwi le Gulubane.
Supt Ngayaya a re mo nngweng ya ditiralo tseo, magodu a ne a thuba marekisetso mangwe kwa Gulubane mo bosigong jwa kgwedi eno e tlhola letsatsi, mme ba utswa madi le dithoto tse di ka lopang P7 000.
Le fa gontse jalo, o ne a tlhalosa fa e rile ka Labobedi mo tshokologong mapodisi a Tatitown kwa Francistown, ba tshwara borre bangwe ba le babedi ba Batswana ba dingwaga tse di masome mane le bosupa le masome mane le borobabobedi kwa Borolong, tebang le dithoto tse ba neng ba di rwele.
A re e ne ya re borre bao ba botsolotswa ke mapodisi ba supa fa ba thubile marekisetso mangwe kwa Gulubane, a tlatsa ka gore mongwe wa babelaelwa ke mmelaelwa gape tebang le bogodu jwa leruo.
Supt Ngayaya o tsweletse a supa fa kwa Masunga, go ne ga thubiwa malwapa a le mane mme ga utswiwa dithoto dingwe.
Kwa Vukwi gone go thubilwe marekisetso a dijo go bo go utswiwa dithoto tsa P600.
A re e ntse e le kwa Vukwi, go ne ga supagala fa manweenwee ao, a ne a leka go thuba le kwa marekisetsong a bojalwa mme ga retela.
Go ntse go le foo, o boletse fa malatsinyana fela morago ga ditiralo tseo tsa Masunga le Vukwi, ba ne ba begelwa ke bangwe ba ba nnang mo dipolasing dingwe tse di mo tikologong ya kgaolo, ka bangwe ba go belaesegang ba rwele dithoto tsa bogodu.
A re mapodisi a ne a ragogela kwa lefelong leo kwa babelaelwa bao ba neng ba phuaganya dithoto dingwe mme ba le botsa phokoje, a tlatsa ka gore bangwe ba ba neng ba thubelwa ba setse ba supile dithoto tsa bone.
Ka jalo, a re ba na le dipelaelo tsa gore bobedi jo bo tshwerweng kwa Borolong, bo ka tswa bo amega le mo ditiragalong tse di sa tswang go diragala tsa go thubiwa ga matlo le marekisetso mo tikologong ya bone.
Go sale foo, Supt Ngayaya o ne a gakolola beng ba marekisetso le madirelo ka go farologana ka botlhokwa jwa go thapa badisa dikago, a bo a gakolola batho go leka bojotlhe go tsenya di dirisiwa tse di ka ba tsibosang fa sengwe se diragala, a re go dira jalo go ka thusa go kgaopetsa manweenwee go ba amoga dithoto tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Potsolotso
Date : 04 Mar 2020