Boseja Bophirima o gopola Kwapa
04 Mar 2020
Mothusa Tautona Slumber Tsogwane o tlhalositse fa mokhanselara wa Boseja Bophirima, Rre Letlhogonolo Kwapa, e ne e le monana yo o boikarabelo e bile e le sekao mo bananeng ka ene.
O buile se kwa tirelong ya segopotso sa ga Rre Kwapa kwa Mochudi ka Labobedi.
Rre Kwapa, yo o tlhokafetseng beke e e fetileng mo kotsing ya tsela, o tlaa fitlhwa ka Matlhatso.
“Ga se ka thata ya motho le fa motho a ne a ratile, ke Modimo fela yo o dirang ka go kgona le go rata ga gagwe,” ga bua Rre Tsogwane.
A re mongwe le mongwe o filwe sebaka ke Modimo go tshela mo lefatsheng.
Rre Tsogwane a re beke e e fetileng, phathi ya Domkrag e ne e lela selelo se gape ka loso la mokhanselara wa Metsimotlhabe.
“Mme se re tshwanetseng go ikgomotsa ka sone ke gore re tshela le loso e bile le tlaa tswelela le diragala,” a rialo.
A re baetelepedi ba ne ba solofetse go le go ntsi mo go Rre Kwapa.
O kopile gore boora-Kwapa ba seka ba akanya gore gongwe ba dirile sengwe go diragalelwa ke seemo se, ka leso e le la malwapa otlhe.
“A seemo se monate kana se botlhoko, re itshwarelela ka Modimo e be re ipela ka ene, Modimo ke monnga botshelo,” a tswelela.
Rre Tsogwane o kopile Bakgatla ba kgaolo ya Boseja Bophirima go tsweledisa ditoro le dikeletso tsa ga Rre Kwapa.
“Ga se bogologolo re tswa mo ditlhophong, jaanong ke eletsa gore re dire fela jaaka re diretse Rre Kwapa re tsweledise mosepele wa gagwe wa dingwaga tse tlhano,” a rialo Rre Tsogwane.
Fa a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Modise Ncube, a re Rre Kwapa e ne e le mogaka mme go botlhokwa go ipelela botshelo jwa gagwe ka manontlhotlho.
A re Rre Kwapa e ne e le mongwe wa batho ba ba ikanyegang , e re a dumela mo sengweng a tsepame mo go sone.
“Rre Kwapa o ne a dumela mo mokgathong wa Domkrag mme re tshwanetse go tsweledisa fa a emeng teng gore a kgone a robale ka kagiso,” a rialo.
Rre Ncube, yo e leng mokhanselara wa Matebele, a re o tshwenngwa ke batho bangwe ba ba setseng ba simolotse ipapatso ya go tsaa maemo a ga Rre Kwapa.
O kopile gore Rre Kwapa a fiwe tlotla le tlhompho a tsamaisiwe sentle pele botshelo bo ka tswelela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omphile Ntakhwana
Location : Mochudi
Event : Tirelo ya segopotso
Date : 04 Mar 2020