Tshenyo ya dipone e tshwenya khansele ya Borwa
03 Mar 2020
Modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Thamiso Chabalala, a re ga ba jesiwe diwelang ke go senngwa le go utswiwa ga dipone tsa mekgwatlha tsa maranyane a letsatsi kwa Kanye.
O boletse mo potsolotsong gore khansele e mo thulaganyong ya go tsenya dipone tseo, mme tshenyo e busetsa maiteko a bone kwa morago.
A re maikaelelo a dipone tseo ke go fokotsa lefifi mo motseng le go lwantsha borukutlhi.
Le fa go ntse jalo, Rre Chabalala o tlhalositse fa bosheng ba ne ba lemoga fa dipone di le supa di thudilwe ke dikoloi fa tse dingwe di le thataro di gopetswe.
A re go ne ga tshwarwa bakgweetsi ba le babedi fela ba ba tlaa arabelang melato ya bone.
Rre Chabalala o ne a kopa setshaba go thusanya le khansele go netefatsa gore dipone tseo di sireletsegile ka jaana di lopile puso madi a mantsi go tsenngwa.
A re lebone le le lengwe le lopa dikete tsa dipula di le lesome le botlhano, ka jalo tse di lesome le boraro tse di setseng di amegile di tlaa lopa dikete di le lekgolo le masome a ferabongwe le botlhano.
Le fa go ntse jalo, Rre Chabalala o supile fa khansele e tsweletse ka go gagamatsa dipone tseo fa go neng go dira motlhofo gore di ka utswiwa.
Mo godimo ga moo a re mapodisi a tsweletse ka go dikologa le motse bosigo le motshegare e le tsela nngwe ya go netefatsa pabalesego ya dipone tseo.
O kopile morafe go dirisanya le mapodise ka go ba begela dipelaelo dipe fela tsa bogodu le gone go ikgapha mo go rekeng dithoto tsa bogodu ka ele molato go dira jalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 03 Mar 2020