Kgosi Montshiwa o bolokilwe
03 Mar 2020
Go bolelwa fa Kgosi Kebapatile Montshiwa e ne e le senatla ebile a rata kagiso.
Kgosi Montshiwa, yo a neng a le dingwaga di le masome a supa le bone, o fitlhilwe ka Tshipi kwa Lehututu.
O tlhokafetse kgwedi e e fetileng e le malatsi a le lesome le boferabongwe kwa Lokgwabe a le mo tirong morago ga go kubugelwa ke ditlhabi tsa nakwana.
Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Eric Molale, o tlhalosite fa puso e tlotla bogosi.
Ka jalo o gwetlhile setshaba go tlotla dikgosi le dikgotla a re merero ya ditlhabololo le dikgang tse dingwe tse di amang merafe di tshwanetse go simololwa kwa dikgotleng pele ga di tlhatloga le makalana a mangwe a puso.
O tlhalositse fa setshaba se tshwanetse go tlotla kgotla ka go sa buele dikgang tsa sepolotiki teng.
Rre Molale a re se, se tlaa tswelela ka go thusa setshaba go nna seopo sengwe.
Tona Molale a re lephata la gagwe le lebanwe ke namane e tona ya tiro ya go rarabolola dikgang tsa bogosi le mororo go ka bo go sa nna jalo fa bontsi bo ne bo amogana maemo ka fa tshwanelong.
O ne a supa fa Kgosi Montshiwa a itshupile fa e ne e le motho yo o ratang kagiso, ka jalo a gwetlha morafe go tswelela o tshwaragane go tsweledisa se moeteledipele wa bone a neng a se agile.
Moemedi go tswa kwa ntlong ya dikgosi, Kgosi Tshipe Tshipe, o supile fa Kgosi Montshiwa e ne e le leloko la ntlo ya dikgosi go simolola ka ngwaga wa 2010-2014, a emetse kgaolo ya Kgalagadi Bokone.
A re kemedi ya gagwe e ne e le ya motia.
Kgosi Tshipe o tlhalositse fa Kgosi Montshiwa a ne a ya go emela lefatshe kwa China go ya go buisana ka dikgang tse di amang ngwao tsa mafatshe oo mabedi.
Sebui go tswa kwa lekgotleng la Setswana la boikuelo, Kgosi Mothibe Lentswe, o ne a supa fa Kgosi Montshiwa e ne e le motho yo o boikanyego, ebile a dira tiro ya gagwe a sa kgetholole.
O ne a gwetlha morafe gore o seka wa rutlolola se o neng o se agile le kgosi ya bone ka jaana, o ne a thusitse morafe wa gagwe go nna seopo sengwe.
Mo boemong jwa dikgosi tsa kgaolo ya Kgalagadi Bokone, Kgosi Merapelo Tshweneyage wa Hukuntsi, o supile fa Kgosi Montshiwa a ne a tsaya ditshwetso go sa kgathelesege gore seemo se ntse jang.
Kgosi Tshwenyage a re lekgotla la Setswana la boikuelo le ne la lemoga bokgoni jwa gagwe, ka jalo la mo laletsa go tla go rarabolola dikgang.
Ditsala tsa Kgosi Montshiwa ebong, Rre Nicholas Bok, Lt Colonel Logic Motlamme, Dickson Dinku le Kgosi Clarkson Molatole ba mo supile fa e ne e le motho yo o bonolo, lerato, boikanyego, pelotelele ebile gape e le mogakolodi wa tlhwatlhwa ka dikgang tsa tiro le tsa selegae.
Kgosi Montshiwa o simolotse dithuto tsa gagwe tse dipotlana ka ngwaga wa 1954 go ema 1962 kwa Lehututu.
O ne a ya go dira dithuto tse di kgolwane kwa Moeding College ka ngwaga wa 1963-1965, mme ka ngwaga wa 1969-1970 a ya go ithutela tiro ya bokenti kwa Ramatlabama.
Go tsweng foo o ne a ya go direla kwa lephateng la matlhoko a leruo mo mafelong a a farologaneng, jaaka Kanye, Mabutsane, Sekoma le Jwaneng.
O ne gape a direla khansele potlana ya Kgalagadi le lekgotla le le potlana la kabo ditsha la Mabustane. O ne a tlogela tiro a ya bogosing ka ngwaga wa 2005 go fitlhela a tlhokafala.
Kgosi Montshiwa o tlogela mohumagadi, Mme Gakeboe Montshiwa le bana ba le bararo. O tlogela batsalwa-leene ba le bararo le bana-ba-bana ba le lesome le motso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Lehututu
Event : Phitlho
Date : 03 Mar 2020