Tswelelang ka go thusa puso - mogolwane
02 Mar 2020
Batswana ba kgothaditswe go tswelela ka mowa wa go thusa puso fa e tlhaelelwang teng.
Kgothatso ee tsile ka mothusa mokwaledi wa lephata la thuto gotswa kwa khanseleng ya Bokone Botlhaba Mme Goabilwe Kuti fa mokhanselara wa kgaolwana ya
Moroka, Rre Vincent Mooketsi a ne a abela sekolo se se botlana sa motse oo mpho ya didirisiwa dingwe tsa sekolo bosheng.
Mpho eo e ne e akaretsa ditafole di le lesome le boferabobedi, dibuka le dipensele tse tsotlhe di ka lopang P10 000.
Go tlhalositswe fa di tlaa dirisiwa ke baithuti ba bannye ba mophato wa tshipidi le ba lekwalo la bobedi.
Mme Kuti a re lentswa go le gantsi go se motlhofo gore batho ba abe, fela go ka nna molemo fa batho ka bongwe ka bongwe ba ka ititaa ka thupana go netefatsa gore ba thusa puso fa ba lemoga letlhoko.
A re puso ka nosi ga e kake ya kgona go fitlhelela tsotlhe tse di tlhokiwang mo makalaneng ka go farologana.
O ne a leboga maiteko a ga Rre Mooketsi, a re bone e le ba khansele ba nona pelo fa ba amogela dimpho ka go farologana mo dikolong.
Mme Kuti a re batho ba tshwanetse ba tlhaloganya fa go aba sengwe go sa supe gore motho o humile mme go supa fa a kgathala ka seemo sengwe se a se lemogang.
A re go botlhokwa gore dimpho tseo di tlhokomelwe, gore di kgone go sologela baithuti molemo, a tlatsa ka gore seo gape se ka gwetlha bangwe go tsaya malebela mme go tiisa moko le ba ba abang go tswelelela ka mowa oo.
Gontse go le foo, Mme Kuti a re, e re ka jaana bana e le bone bagogi ba kamoso ba lefatshe leno, go botlhokwa gore ba neelwe lesedi la thuto ka bonyenyane jo bo leng teng.
Fa a tswa la gagwe, Rre Mooketsi, yo le ene eleng moithuti wa pele wa sekolo seo sa Moroka, o boletse fa morago ga go utlwa boikuelo jwa letlhoko la didirisiwa, a ne a gwetlhega go dira sengwe go araba selelo seo.
A re o dumela fa a dirile seo, e le ka tlhotlheletso ya Modimo, a bolela fa a ntshitse dimpho tseo ka lerato gotswa boteng jwa pelo ya gagwe. Le ene fela jalo, o ne a gatelela botlhokwa jwa go thusa puso fa e tlhaelang teng.
Mokhanselara Mooketsi a re e re ka gotwe e e anywang e leletse e ruta e e mo maleng, o lemogile fa go aba ga gagwe go ka rotloetsa bana ba Moroka go tsoga le bone ba direla Sekolo le motse wa bone sengwe.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, mogokgo wa sekolo sa Moroka, Rre Gobe Letsholathebe o ne a supa boitumelo, a re mpho eo, e tlaa tsisa pharologanyo mo sekolong sa gagwe, a kaya fa e bile ba dikile ba dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa.
Rre Letsholathebe a re o itumedisiwa thata ke kemonokeng ya batsadi ba Moroka, ka ba sanke ba kgala go etela sekolo go tla go bona ka fa bana ba bone ba tsweletseng ka teng le go ntsha bogakolodi fa go tlhokafalang teng.
Mongwe wa barutabana, Mme Chonga Ntebogang, a re morago ga go lemoga maduo a mophato wa banyana, ba ne ba tsaya tshwetso ya go oketsa baithuti ba lekalana leo monongwaga, mme fela ba lebanwa ke kgwetlho ya letlhoko la didirisiwa.
A re ke ka moo ba neng ba itela mo banning ba Moroka go ba tswa thuso, a re ka jalo go a itumedisa go bo selelo sa bone se arabilwe mo nakong e khutshwane.
Bangwe ba ba neng ba le teng go nna basupi mo tholong ya dimpho tseo, ke Kgosi George Moroka le modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana Rre Moses Moyuthu. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MOROKA
Event : KABO DIMPHO
Date : 02 Mar 2020