Breaking News

Batlhokomedi bagwetlhiwa go nna pelonomi

02 Mar 2020

Modulasetilo wa khansele potlana ya Hukuntsi, Mme Kebaneilwe Mmesetse, o gwetlhile batlhokomedi ba bana ba masiela go nna pelonomi gore bana bao ba kgone go tswelela pele le botshelo.

O buile se bosheng fa a ne a simolodisa semmuso thuto puisanyo ya malatsi a mararo ya batlhokomedi ba bana ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi.

Mme Mmesetse o ne a supa fa leso e le selo se se botlhoko, mme bana ba retelelwa ke go amogela seemo se.

O ne a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso ya go tlhokomela bana ba masiela, e le tsela nngwe ya go thusa go ba apola kobo ya bosiela gore ba seka ba salela kwa morago mo botshelong.

Ka jalo, o ne a gwetlha batlhokomedi ba bana le ba tsaya-karolo ka kakaretso go tshwaraganela tiro ya kgodiso ya masiela le mmuso.

Mme Mmesetse o supile fa kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone go na le dikgwetlho tse di amang bana ba jaaka go dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo, go itlhokomolosiwa ke ba masika, dititeo tse di feteletseng, go amogwa dithoto tsa boswa le go gatelelwa ke maikutlo.

O ne a gwetlha batlhokomedi le batsaya-karolo go tsaya boikarabelo mo go thuseng puso go babalela serodumo sa tshaba e e nang le boikarabelo mo isagong.

Mme Mmesetse o ne a supa gape fa kgaolo eo e le nngwe ya dikgaolo tse di aperetsweng ke lehuma le maduo a baithuti aa sa nametseng, mme a re dipatlisiso di supa fa bana ba masiela ba ba tswang mo malwapeng aa dikobo dikhutshwane ba tshabelelwa ke go sa dire sentle mo dithutong tsa bone.

A re se se itshupile mo maduong a lekwalo la bosupa a ngogola, jaaka go ne go kwadisitswe bana ba masiela ba le masome a mabedi le bofera bobedi, mme mo palong eo, bana ba le bane ba ne ba bona maemo a botlhano (E), ba le supa ba bona maemo a bone (D), fa ba le bofera bobedi ba bone maemo a boraro(C).

A re seemo se, ga se jese diwelang, ka jalo setshaba se tshwanetse go tshwaragana go thusa go fetola seemo gore ba thusiwe le bone ba kgone go bona matshwao a a nametsang.

Go leka go fetola seemo seo, Mme Mmesetse o ne a tlhalosa fa khansele potlana ya Hukuntsi, e tsere boikarabelo jwa go ema nokeng bana ba masiela le batlhokomedi ba bone ka go netefatsa gore ba akola mananeo otlhe.
O ne a tlatsa ka gore ofisi ya khansele e tshwaragane le molaodi le mmakaseterata ba tla a tswelela ba beile seemo seo leitlho go bona gore batlhokomedi ba bana le bone ba tshela matshelo a a letlang gore ba ka godisa masiela.

Kgosi Merapelo Tshweneyagae wa Hukuntsi ene o ne a supa fa mo dingwageng tse di fetileng, lefatshe leno le ne la welwa ke seru sa dipalo tsa bana ba masiela ka ntata ya HIV/AIDS le malwetsea mangwe a a sa tshelanweng.

Ka jalo, o nea gwetlha batsadi go itlhokomela go babalela matshelo a bone go leka go fokotsa dipalo tsa dikhutsana.

Kgosi Tshweneyagae o ne a gwetlha batlhokomedi ba bana ba go nna kelelelo mo kgodisong ya bone, gore ba seka ba ba kgetholola, mme ba ba godise fela jaaka bana ba bone gore le bone ba kgone go amogela seemo sa tatlhegelo.

A re thuto puisano ya batlhokomedi ba bana bao le tshidilo maikutlo di tshwanetse go nna di tshwara kgapetsa kgapetsa e le tsela nngwe ya go nonotsha bobedi joo go fokotsa dikgotlhang mo malwapeng.

Mmaboipelego, Mme Fancy Matlhodi, o ne a tlhalosa fa tiro eo ele go leka go nonotsha batlhokomedi le go tla go fa pego ya ka fa ba tsamaileng ka teng ka nako e bana ba bone ba neng ba isitswe kwa tshidilo maikutlong.

A re dithuto tseo, di tla ba thusa gore ba kgone go amogana le ba bangwe mo tikologong gore ba ikanoke gore pheleletsong ba itse ka fa ba tshwanetseng go godisa bana bao ka teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : HUKUNTSI

Event : Thuto-puisanyo

Date : 02 Mar 2020