Breaking News

Seemo sa metsi ga se robatse makhanselara

01 Mar 2020

Makhanselara a kgaolo potlana ya Letlhakeng a ngongorega ka seemo sa metsi kwa kgaolong eo.

E rile ba bua kwa phuthegong ya khansele bosheng, ba supa fa khamphane ya metsi ya Water Utilities e kgaotse metsi kwa metseng ya bone, mme se se dire gore batho ba latele metsi kgakala.

Mokhanselara wa kgaolo ya Takatokwane/Dutlwe, Rre Johane Gaosafelwe, o ne a supa fa a ne a kopile gore ba gokelelwe metsi kwa ditsheng tse disha tsa SHHA le kwa kgotleng ya Motlhware, mme ga go nko e tswang lemina.

Mokhanselara wa kgaolo ya Moshaweng/Monwane, Rre Lekunutu Keorang, o ne a supa fa Monwane a kile a gokelwa dipompo di supa, mme e rile fa Water Utilities e simolola go tlhokomela tsamaiso ya metsi kwa dikgaolong, ya kgaola dipompo tse tharo, mme mo nakong ya gompieno go bereka dipompo di le pedi fela mo motseng.

Mokhanselara wa kgaolo ya Ditshegwane/Maboane, Rre Tsabahule Kgotlang a re kokelwana ya Maboane e mo seemong se se sa kgatlheng.

Fa Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Anderson Mathibe ene a rile balemisi ba tsaya nako go bala ditema tsa masimo, a kopa tlhaloso ya gore matsapa di a tsaya kae.

Fa araba, mogolwane go tswa kwa khamphaneng ya metsi, Rre Kobamelo Letsatsi o ne a supa fa go ne ga kgaolwa dipompo tse di neng di le kwa ntle ga motse wa Monwane, tse di neng di tshabelelwa ke go thubiwa mme di senye metsi.

Rre Letsatsi o supile fa tsamaiso ya go gokelwa ga metsi kwa ditsheng tse disha e dirwa ke dikomiti ya ditlhabololo tsa motse.

O supile gape gore fa pompo e tswetswe ka mabaka a gore e kwa ntle ga motse, fa motse o godile ba ba amegang ba ka isa kopo ya bone gore pompo eo e bulwe.

Molaodi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Mme Ikgopoleng Lekwape, o ne a supa fa balemisi ba tsweletse ka go bala masimo, mme kgwetlho e tona e le go tlhoka dikoloi.

O tlhalositse fa beng ba diterekere ba tsweletse ka go duelwa, mme sebe sa phiri e le gore maranyane a a dirisiwang go duela dituelo tsa mmuso a sa bereke sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya khansele

Date : 01 Mar 2020