Breaking News

Go itirela go fokotsa le tlhoko la ditiro

01 Mar 2020

Kgosi Rantsimane Banyatsi wa Letlhakeng a re go itirela go ka fokotsa letlhoko la ditiro le borukutlhi.

Fa a amogela baeng kwa letsatsing la thekiso la lenaneo la nyeletso lehuma kwa Letlhakeng ka Labotlhano, Kgosi Banyatsi o tlhalositse fa a swabisitswe ke go bo banni ba ne ba sa tla ka bontsi.

O kopile ba ba tsereng lenaneo la nyeletso lehuma go tshwara ka thata gore ba kgone go itshetsa.

Molaodi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Mme Ikgopoleng Lekoape, o supile fa letsatsi leo le diretswe go ipapatsa le go arogana dikitso.

Mme Lekoape o tlhalositse fa erile ka 2012, puso ya tsaya tshwetso ya go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo, mme tshimolodiso ya tiro e, ya tshwarelwa kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng kwa Diphuduhudu.

O tlhalositse fa lenaneo le simolotse ka go lemela baikopedi ditshingwana tsa merogo, mme ya re morago ga tsenngwa go rua dihutshane, dikoko, go roka, go hirisa ditante le tse dingwe.

Mme Lekoape o tlhalositse fa erile ka 2014, puso ya simolodisa lenaneo le le itebagantseng le banana la Youth Development Fund (YDF) ka e ne e lemogile fa banana ba amilwe ke lehuma.

Monana, Rre Golekanye Setoroise wa Letlhakeng, o supile fa e rile ka 2017 a thusiwa ka lenaneo la dinku mme kgwebo ya gagwe e solofetsa.

A re o kgethile go rua dinku ka o godile a rata leruo ebile a disa.

O tlhalositse fa dikgwetlho tse a kopanang le tsone e le letlhoko la marekisetso, mme se se sa mo kgobe marapo.

Rre Setoroise o kgothaditse banana go se tshabe go dira tse ba di ratang, mme segoloboglo ba beye Ramasedi kwa pele.

Mme Babotseng Satsebe go tswa Malwelwe ene o supile fa a ne a thusiwa ka dikoko tsa mae.

Mme Satsene o tlhalositse fa a bone dithuso ka 2016, mme erile ka 2017 a nna le kgwetlho ya bolwetse jwa dikoko, a emisa kgwebo a boa a tsweledisa ka 2018.

A re kgwebo e tsamaya sentle ebile o rekisetsa sekole se sebotlana sa Malwelwe mae ebile o kgona le go ipolokela madi kwa bankeng.

O kopile ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go oketsa se ba se ba se neetsweng le go dira ka lerato.

Mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng ebile e le mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Neo Segaise, o lebogile ofisi ya ga molaodi go phutha b aba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma.

O kopile makhanselara go rotloetsa banana go ikopela go thusiwa ka lenaneo la banana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Letsatsing la thekiso la lenaneo la nyeletso lehuma

Date : 01 Mar 2020