Bangwaketse ba kanoka dikgafela
27 Feb 2020
Mothusa kgosi wa Bangwaketse Kgosi Kebapetse Telekelo o rotloeditse morafe wa Ga-Ngwaketse go tsaya dikgafela ka tlhoafalo ka go oketsa thobo e ba e tsisang kwa kgotleng gore batho ba tle ba akole ba le bantsi.
E rile a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Kanye ka Laboraro, Kgosi Telekelo a kopa gape gore Bangwaketse ba tsosolose serodumo sa dikgafela ka go abelana megopolo le maele a gore tsamaiso ya dikgafela e ka tokafadiwa jang.
A re ntswa a lebogela mabele a a dikileng a tsisitswe a dikgafela, o rotloetsa dikgotla tse di tsisang ka boutsana gore di itsose.
Kgosi a re ntswa a akgola maiteko a bone a nako e e fetileng, go santse go na le ditsamaiso dingwe tse di tlhokang go tokafadiwa.
O ne a tlhalosa fa thulaganyo ya go tsisiwa ga bojalwa jwa dikgafela e sa tsamae sentle ka jaana makgotla ka go farologana a tsisa bojalwa kwa kgotleng e tona mme morafe o phatlalale go sena yo o bo nwang.
A re ka tshwanelo bojalwa fa bo lerilwe jalo bo tshwanetse go nna le ba ba bo nwelang fa kgotleng go ntse go ipelwa.
E rile ba mo kgwa dikgaba, bangwe ba batho ba ba neng ba tsene phuthego ba dumalana gore tsamaiso ya dikgafela e a reketla mme ba supa ka monwana ditlhabololo di tshwana le mebereko le dikereke.
Ba ne gape ba supa gore bontsi jwa batho ba latlhile ngwao ga ba sa tlhole ba lema, ka jalo le thobo e e tlang kwa kgotleng e fokotsege.
“Tsamaiso ya dikgahela e senngwa ke dikereke dingwe ka gore bangwe ha go isiwa dikgahela ba re bone ga ba rwale sebe.
Golo mo ke gone go dirang gore dikgahela di tle ka boutsana kwa kgotleng,” ga tlhalosa jalo Rre Moagi Lechina.
Rre Mokgethi Mmolai o ne a kopa gore batho ba ise dikgafela ka makgotla a ba tlholegang kwa go one e seng a ba agileng kwa go one.
A re bana fa ba ntse ba gola ba nyadisiwa ba felela ba aga kwa makgotleng a sele mme dikgotla tse ba tlholegang kwa go tsone di sale ka dipalo tse dipotlana.
E rile a tswa la gagwe, Rre Dikgakgamatso Tshukudu a supa ngongora ka barui ba ba santseng ba ruela mo masimo.
A re leruo le jela batho mo masimo mme thobo e ye kwa tlase, ka jalo dikgafela le tsone di nne boutsana.
A re e re ntswa ba tsisa dikgang tsa mofuta oo fa pele ga makgotla, molao o tshwanetse wa gagamadiwa gore barui ba disetse kwa mafudisong.
Le fa go ntse jalo, Mme Nnosang Maribeng o ne a tswa ka mogopolo wa gore go isiwe mabele fela kwa kgotleng go be go silelwa ba ba abelwang go sa apewe bojalwa.
A re e le bomme ba babalelwa ke thulaganyo ya dikgafela ka jaana ke bone ba ba apayang bojalwa joo ntswa thata e sa tlhole e le teng.
“Bana ba nna kwa ditoropong jaanong rona re le bagolo ke rona re babalelwang ke go ema mo molelong re apeile bojalwa.
Re setse re godile ga re kgone go ema jalo mo melelong.”
E ntse e le kwa phuthegong eo, Kgosi Malope II o ne a abela banni bangwe ba Ga-Ngwaketse boupi jwa mabele a a neng a lerilwe ka dikgafela tse di fetileng.
O ne a lebogela ba National Food Technology Research Centre (NFTRC) go bo ba thusitse ka go sila mabele ao gore go fiwe batho e le boupi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : Kanye
Event : Phuthego
Date : 27 Feb 2020