Motshegare o akgolela banana letsema
27 Feb 2020
Mothusa Kgosi wa Barolong Kgosi Botiki Motshegare o akgoletse banana go bo ba inaakantse le temo mo pakeng e, selo se a reng se tlaa tsosa serodumo sa Barolong jaaka ba ne ba tumile ka temo.
Mo potsolotsong le BOPA ka Labobedi, Kgosi Motshegare o ne a tlhalosa gore go tswa ngogola le fa ngwaga o simolola ba amogetse dikopo tse di fetang masome a mane mo Good Hope, tsa banana ba adima masimo mo batsading go a dirisa go lema.
“Go a itumedisa go bona banana ba inaakantse le go tsosa serodumo sa Barolong, ke dirile dikwalo di le dintsi tsa banana ba ba neng ba kopa dipeo kwa lephateng la temo-thuo.”
Kgosi o kaile fa dipalo tsa banana di le dintsi ka kwa dikgotleng tse dingwe mo metseng ya Borolong le bone ba supile fa banana ba inaakantse le go lema.
O tlhalositse fa e le ba bogosi ba ne ba bitsa dipitso le dikgosi gore ba rotloetse batho go lema.
O gakolotse banana gore ba kgothale ba tswelele ka go lema, a tlhalosa fa temo e tlhoka bopelotelele.
O tlhalositse fa molemi a sa itsape.
Mo go tse dingwe, Kgosi o akgoletse puso go bo e tsweletse ka lenaneo la go tlhabolola temo- thuo la ISPAAD, le gone go thusa balemi go ba lemela diekere tse tlhano.
Fa a gakolola balemi, kgosi a re ntswa puso e dira bontle ka go ba thusa, o eletsa fa bontsi bo ka ithusa le bone ba lema diekere tse di fetang botlhano gore thobo e nne e e nametsang.
O tllhalositse fa Barolong e le morafe o o ratang go lema mmidi le dinawa, ka jalo bontsi bo lemile tsone mono ngwaga.
Kgosi o tlhalositse fa a itemogetse gore Barolong ba ithuta go lema dijo tsa dikgomo jaaka Lab lab.
O ne a supa tlhobaelo mo baleming ba ba lemang dipeo di le dingwe fela mme a tlhalosa fa se se isa ditlhwatllhwa tsa bagwebi kwa tlase le fa ba leka go rekisa kwa mmarakeng o tshwana le Botswana Marketing Board.
“A re jwaleng dipeo tse di farologanyeng, re leke go reetsa dikgakololo tsa balemisi gore thobo ya rona e re tswele mosola.”
Kgosi o kaile fa a tshepa gore le dikgafela mono ngwaga di tlaa bonala ka fa Barolong ba lemileng ka teng.
O supile gore ba temo-thuo ba kaile fa Barolong ba ba lemileng fela ka ISPAAD ba tshwara makgolo a mabedi, masome a marataro le botlhano mme dipalo tse di supa kgolo, ka go na le palo e nngwe e e itemetseng fela ba sa dirisa lenaneo le.
Kgosi o gakolotse ba ba maoto a tshupa gore ba iteke ba bee tema ka ngwaga o Modimo a ba gopotse.
O tlhalositse gore Barolong ke bone ba ba ka tsosolosang serodumo sa bone mme ba tswelele ka go jesa lefatshe la Botswana jaaka go ne go tumile.
O buile gore Modimo o gopotse morafe wa gagwe ka pula, ka jalo ba tshwanetse go lema. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : Good Hope
Event : Potsoloso
Date : 27 Feb 2020