Breaking News

Khansele e rekisa matimela go oketsa letseno

26 Feb 2020

Ba lephata la matimela kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba rekisitse matimela gane mo ngwageng wa madi wa 2019/20 e le ntlha nngwe ya go oketsa letseno.

Mafoko a, a boletswe ke modulasetilo wa khansele- potlana ya Letlhakeng e bile e le mokhanselara wa Mantshwabisi/Serinane Rre Meshack Tshenyego fa a bula dipuisanyo tsa khansele- potlana bosheng.

Modulasetilo o supile fa ba ne ba dira P368 544 ka matimela me nne ba solofetse P518 850.

Modulasetilo Tshenyego o supile fa ba ne ba rekisa matimela gararo kwa lesakeng la Masope fa thekiso e nngwe e ne ya nna kwa lesakeng la Diphuduhudu.

O tlhalositse fa ba solofetse go rekisa matimela a bofelo pele ga ngwaga wa madi o wela kwa lesakeng la Khekhenye ka Mopitlo.

O tlhalositse fa mo nakong eno go na le matimela a le 131 a dikgomo, ditonki, pitse le dihutshane mme a emetse go rekisiwa morago ga lebaka la dikgwedi tse tharo di wela a ntse a sthegeditswe.

Fa ba mo kgwa dikgaba, makhanselara ba ne ba supa matshwenyego a go tlhoka melemo mo dikokelwaneng tsa kgaolo.

Mokhanselara wa kgaolo ya Salajwe Rre Lopang Sebutlenyane a re ntswa  puso e rotloetsa banana go rua, sebe sa phiri ke gore o ithotse morwalo wa go kenta leruo, mme a botsa gore gare go tsenyeng fa barui ba sa tlhole ba kentelwa leruo go twe ba ikentele.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng Mme Neo Segaise o ne a akgola sekole sa Mahupu se se saleng se sokola ka maduo a a sa kgatlheng, a supa fa monongwaga se tsere maemo a bosupa mo lefatsheng.

Mokhanselara wa Takatokwane/ Dutlwe Rre Johane Gaosafelwe o ne supa fa puo ya ga modulasetilo e sa tsenya matshwenyego a metsi mme e le mathata a magolo mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng.

A re bothata jo bo dira gore badirelapuso ba sulafalelwe ke go berekela mo kgaolong e ka metsi  a ba senyetsa didirisiwa tsa motlakase le diaparo.

Mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakeng Borwa Rre Mothusi Ramogolane o ne a supa fa nako e gorogile ya gore sekole  se segologolo sa Mphuthe se dirisiwe gore basegi ba ba filweng mananeo ba segele kwa go sone gore se seka sa nna letlotla.

O supile gore fa basegi ba ba ka phuthelwa kwa sekoleng seo ba tlaa tlhama ditiro mme ba fokotse lehuma mo kgaolong.

Mokhanselara o ntshitse matshwenyego a dikoloi tsa kokelwana tse di senyegileng, mme tse dingwe di sale di ema foo lebaka di sa baakanngwe.

O kopile modulasetilo go ela seemo se tlhoko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Pulo dipuisanyo ya khansele- potlana

Date : 26 Feb 2020