Breaking News

Kgosi Selotlego o bolokwa ka Matlhatso

26 Feb 2020

Kgosi Kgomotso Selotlego wa Ralekgetho o tlaa bolokwa ka Matlhatso kgwedi eno ya Tlhakole e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boferabongwe kwa Ralekgetho.

Mmuiledi wa ba lelwapa e bong kgaitsadia moswi Mme Maitoko  Selotlego a re Kgosi Selotlego o tlhokafetse ka Labone kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi morago ga go lwala ka bokhutshwane. Kgosi o tshotswe ka ngwaga wa 1959 kwa Kanye mo kgotleng yoora Selotlego.

O berekile kwa komponeng ya Genrick kwa Jwaneng, a bo a nna mmaakanyi wa dikoloi gape e le molemi-morui.

Morago o ne a bewa kgosi kwa Ralekgetho ka ngwaga wa 2009 a kopantse le temo-thuo, ditiro tse a tlhokafalang a ntse a di tshegeditse. O ne a tsena mo tseong e e boitshepo ka 1993 a bo a segofadiwa ka bana ba le batlhano; basimane ba le babedi le basetsana ba le bararo.

Kgosi Selotlego o tlogela mosadi, bana ka botlhano, mogwe, bana ba bana ba le babedi le batsalwa le e ne ba le barataro;  banna ba le babedi le basadi ba le bane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ikotlhaeng Rantopele

Location : KANYE

Event : pego ya leso

Date : 26 Feb 2020