Ba botsogo ba etse seemo sa COVID-19 tlhoko
26 Feb 2020
Modulasetilo wa khansele- potlana ya Letlhakeng Rre Meshack Tshenyego a re lephata la Botsogo le Boitekanelo la re le malala-a-laotswe go bona gore bolwetse jwa Coronavirus jo bo tlholegileng kwa China ka Sedimonthole ga bo jwelelele mono gae.
E rile a bula semmuso phuthego ya khansele-potlana ya Letlhakeng Rre Tshenyego a supa fa ba lephata la botsogo ba kanoka batho botlhe ba ba kileng ba etela kwa mafatsheng a a amilweng ke bolwetse joo, a Asia le Yuropa, jo bo setseng bo bolaile batho ba feta makgolo a matlhano.
O supile fa mafatshe a a amilweng ke bolwetse joo a akaretse Nepal, Thailand, Singapore, Malaysia, Australia, Canada, Italy, France, India, Russia, Spain, Sweden, Germany le Finland.
Modulasetilo o tlhalositse gore fa e sale bolwetse joo bo simologa mafatshe a eme malala a laotswe go bo thibela go balelwa le lefatshe leno, a supa fa batho botlhe ba ba gorogang ba tswa mafatsheng ao bogolo jang la China kwa bolwetse joo bo tlholegileng teng, ba tlhatlhojwa pele ga ba ka letlelelwa go tsena mo lefatsheng leno.
Modulasetilo o tlhalositse fa batho ba le batlhano ba ba neng ba etetse kwa China ba ne ba tlhatlhojwa ba bo ba gololwa ka ntlha ya gore ba ne ba sa angwa ke bolwetse joo.
O tlhalositse gape fa go tlaa nna go tswelelwa go tlhatlhojwa go bo go botsolotswa botlhe ba ba gorogang ba tswa mafatsheng a sele.
Modulasetilo Tshenyego o supile fa dikai tsa bolwetse jwa Coronavirus di tshwana le tsa mhikela, kgotlholo le go hupela, ka jalo a rotloetsa botlhe ba ba supang dikai tseo go itekodisa ba bongaka ka bofefo jo bo kgonagalang le fa ba ise ba etele gope le go tlhapa diatla ka molora.
O tlhalositse fa ba Lephata la Botsogo le Boitekanelo mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng le bone ba le malala a laotswe go laola seemo se, a supa fa ba setse ba rutintshitse batho ka bolwetse joo le dikai tsa jone.
Mo go tse dingwe, modulasetilo o supile fa khansele-potlana ya Letlhakeng e ne e tseneletse dikgaisanyo tse di rotloetsang boitekanelo tsa kgwele ya dinao, bolotloa le volleyball kwa kgaolong-potlana ya Mogoditshane kwa ba neng ba dira sentle thata teng.
O supile fa dikgaisanyo tse di le mosola thata ka di rotloetsa botsogo jo bo itekanetseng mo tirong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Pulo semmuso phuthego ya khansele-potlana
Date : 26 Feb 2020