Breaking News

Montshiwa o bolokwa kwa Lehututu ka Tshipi

25 Feb 2020

Kgosi Kebapatile Montshiwa wa Lehututu yo o tlhokafetseng kgwedi eno e le malatsi a le lesome le boferabongwe morago ga go kubugelwa ke ditlhabi o tlaa bolokwa ka Tshipi kwa Lehututu.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mohumagadi Gaboete Montshiwa o tlhalositse  fa moswi a ne a tlhagogelwa ke bolwetse Ngwanatsele ngogola, mme e se bolwetse jo bo neng bo mmeile mo diphateng, ka jaana a ne a ntse a tshwere a dira ditiro tsa morafe.

A re ka maswabi ya re ka Laboraro, kwa Lokgwabe, kwa a neng a ile go tshwarelela kgosi wa motse oo, ka go tsamaisa manyalo, o ne a kubugelwa ke khupelo mme a ragosediwa kwa kokelwaneng ya Lokgwabe, kwa a neng a fetisetswa kwa sepateleng se se botlana sa Hukuntsi, mme ba bongaka ba rurifatsa fa a tlhokafetse.

Rangwaneagwe moswi, Rre Kebalepile Leswape o tlhalositse fa a ne a ntse a tshwareletse Kgosi  Montshiwa ka nako ya fa a santse a tshwerwe ke ditiro tsa puso.

Ya re ka ngwaga wa 2005 a neelwa thomo ya go etelela morafe pele, tiro e rangwaneagwe a supileng a ne a e dira ka bonokopila ka jaana a kile a tlhophiwa go emela Kgalagadi Bokone kwa Ntlong ya Dikgosi.

Rre Leswape a re Kgosi Montshiwa o ne a sikere mokgoro wa go etelele morafe pele ka jaana a ne a leka ka bojotlhe go atumalana le morafe go buisana le go ba ruta ka mananeo a puso gore ba tlhabolole matshelo a bone.

Fa a tswa la gagwe, kgosana wa kgotla ya Mabote, Kgosana Benjamin Montshiwa o ne a supa fa ba latlhegetswe ke senatla mo motseng.

O supile fa moswi e ne e le moeteledipele wa motia ka jaana a ne a leka ka bojotlhe go bopaganya morafe gore ba tswe mo semorafeng mme ba nne seoposengwe, selo se a reng se ba nontshitse pelo, ka jaana maduo a teng a bonala.

A re o ne a tsosolosa dikomiti di tshwana le ya ditlhabololo tsa motse, tsa balemi-barui, banana, komiti ya batsadi le barutabana go nna le tshwaragano.

O ne a tlatsa ka go re le tsone dikgosana ka makgotla a tsone o ne a sa ba katoga ka jaana a ne a nna fela mo go bone ka thuto le thotloetso ya gore ba itshware jang gore ba nne sekao mo setshabeng.

Moswi, yo o tlhokafalang a le dingwaga di le 74,  o tlogela mohumagadi le bana ba le bararo, bomme ba le babedi le rre a le mongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : HUKUNTSI

Event : Potsolotso

Date : 25 Feb 2020