Breaking News

A re tsepameng mo go se re se dirang - Makwinja

25 Feb 2020

Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane mme Nnaniki Makwinja o gwetlhile badirisi ba mananeo a puso go dira se ba se tlhokang le gone go tsepama mo go se ba se dirang go itsa go nna mabogodika.

Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa motseng wa Mmatseta le masimo a Ga-Lekgatshwane bosheng, Mme Makwinja o ne a re go dira jalo go ka dira pharologanyo mo matshelong a bone.

Mopalamente a gakolotse gore mananeo a puso e nne a a ka akolwang ke botlhe, mme batho ba seka ba tshwara kwa le kwa gore palo e e rileng e kgone go thusiwa.

“A re se lwelweng go tsaya kwa le kwa, re kope go thusiwa gangwe, go re re kgone go itebaganya le thuso e re e amogetseng.

A re tsepamiseng megopolo mo go se re se amogetseng, gore go nne le tema,” ga gakolola Mme Makwinja.

Dingwe tsa dikgang tse mopalamente a di amileng ke tsa kgokgontsho ya bong e ama mme le ngwana wa mosetsana e a reng di senyetsa lefatshe leno kagiso.

Mme Makwinja yo e bileng e le mothusa tona wa Thuto go tswa kwa Moding, a re dikgang tsa kgokgontsho mo setshabeng di tsweletse ka go gola ka jaana maiteko a go di lwantsha a kgorelediwa ke go tlhoka boikarabelo ga bangwe ba ba tsweletseng ka go bipa mpa ka mabele, selo se se rotloetsang badira melato go tswelela ba sa lemotshiwe diphoso.

“Ga re ka ke ra kgona go lwantsha ntwa ya go upolola masula a a re apereng fa go santse go na le bangwe ba ba bipang mpa ka mabele,” ga gakolola mothusa tona. Mabapi le bothata jwa thekiso ya lefatshe mo kgaolong eo, tona o gakolotse fa molao o mosha o ka thusa setshaba go gweba ka lefatshe le le mo diatleng tsa mong wa lone.

“A re se ikamoge lefatshe, mme re dirise ditshono tse di teng jaaka go hirisa le re nang le lone ka jaana go ka re tokafaletsa matshelo go ya pele,” ga bua mothusa tona.

Modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Lentsweletau, Mme Shynah Gabanamotse, o amogela fa lekgotla la gagwe le itemogela tiego ya go ntshiwa ga ditirelo ka bothata jwa tlhakatlhakano ya difaele mo e leng sekgoreletsi se segolo.

Modulasetilo Mme Gabanamotse o ne a tsibogela matshwenyego a morafe kwa Mmatseta le Ga-Lekgatshwane, a re bothata joo bo santse bo sena tharabololo ka jaana ba na le tlhaelo ya bodiredi go fefosa go ntshiwa ga ditirelo.

Mme Gabanamotse a re ba tshwere ka thata go leka go busetsa seemo mannong ka go tsenya dikopo mo maranyaneng, mme go tsaya lobaka ka jaana ba lwa le difaele tsa go tswa kwa go 2014 mme di ba fekeetsa ka ntlha ya bontsi jwa tsone.

Molomaganya lenanelo la Nyeletso Lehuma mo kgaolong ya Molepolole/Lentsweletau le Mogoditshane/Thamaga Rre Tshepo Sebakile le ene fela jalo o gakolotse ka botlhokwa jwa go nna le lefatshe ka e le lone konokono ya go bona thuso ya mananeo a puso.

Monana wa Mmatseta Rre Justice Sebego, o  kopile gore go ntshiwe  mananeo go lebilwe gore a ka dira botoka kwa dikgaolong di fe.

Kgosi Michael Molefhe wa Kopong o ne a kopa gore go godisa kgotla ya Mmatseta go tsibogelwe go tlhofofatsa tsamaiso ya go ntshiwa ga ditirelo tsa kgotla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MMATSETA

Event : diphuthego tsa kgotla

Date : 25 Feb 2020