MVA e ikuela mo dikerekeng
25 Feb 2020
Mogolwane wa ko lekalana la Motor Vehicle Accident (MVA) Fund, Rre Onkabetse Petlwana o ikuetse mo dikerekeng go rapela kgatlhanong le dikotsi tsa tsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho ba le bantsi.
Rre Petlwana o ntshitse boikuelo joo ka letsatsi la go gopola ba tlhokafetseng ka lebaka la HIV/AIDS le le neng le rulagantswe ke lekgotla la baruti mo Kgalagadi Borwa.
Maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go tla go buisanya le dikereke ka go dirisiwa ga nnotagi phetelela, dikotsi tsa tsela le borukutlhi.
Fa a bua ka dipatlisiso tsa lekgotla la ditshabatshaba la botsogo (WHO) Rre Petlwana o tlhalosiste fa dikotsi tsa tsela di gapa matshelo a batho ba le bantsi mo lefatsheng leno, selo se a reng se babalela letlole la MVA mo mading a ba a dirisang ngwaga le ngwaga a akaretsa tsa bongaka, diphitlho, go tlamela dikhutsana le tse dingwe.
Rre Petlwana o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ka 2015 go ya ka dipatlisiso tsa WHO dintsho tse di diragetseng di le 1.25 million lefatshe ka bophara ka ngwaga le 50 million wa dikgobalo tse di masisi.
A re masome a a robang bongwe mo lekgolong ke dintsho tse di tswang mo mafatsheng a itsholelo e e fa gare go balelelwa le Botswana le a itsholelo e e kwa tlase.
A re gape go ya ka ditshekatsheko tsa bomaitseanaape, banana ba ba dingwaga tse di lesome le botlhano go ya kwa go tse di masome a mabedi le boferabongwe ke bone ba di gogang kwa pele mo go amegeng mo dikotsing tsa tsela lefatshe ka bophara.
O supile fa ka 2017 MVA e dirisitse P142.5 million mo dintshong tse di makgolo mane, masome a mane le bone e le madi a tsa bongaka, diphitlho le go thusa ba ba neng ba tlhokomelwa ke yo o tlhokafetseng le dithuso tse dingwe.
O tlhalositse gore ka 2018 ba dirisitse P176.6 million go thusa ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela.
Sub Inspector Iren Motaung go tswa mo go ba sepodisi sa pharakano mo Tsabong fa a ntsha la gagwe o ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke melato ya go tlhoka go obamela matshwao a tsela, bogolo jang go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng le bakgweetsi ba ba kgweetsang ba nole bojalwa mme ba felele ba baka dikotsi.
Sub Inspecotor Motaung o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba gatisitse melato ya go tlhoka go obamela melao ya tsela e le masome a matlhano ka 2018 le e le lekgolo lesome le boferabobedi ngogola.
Sub Inspecotor Motaung o ne a supa fa maitlamo a bone e le go sireletsa setshaba e seng ga ba otlhaya jaaka bangwe ba akanya mme a kopa setshaba go tshwaragana le bone go fedisa mmaba wa dikotsi tsa tsela le borukutlhi.
O ne a gwetlha batsadi go tsaya boikarabelo mo go kgalemeleng bana, bogolo jang ba ba sa ntseng ba tsena dikole ka seo se ka thusa mo go tlhokeng go inaakanya le ditiro tse di duleng mo tseleng le gone go emisa go ba gogela mo ditirong tsa botlhoka tsebe jaaka batsadi bangwe ba ba ba rekisetsa metokwane.
Inspector Gobusamang Nkgageng ene o ne a gakolola dikereke le setshaba ka kakaretso go tshwaragana le mapaodisi ka go tsosolosa dikomiti tsa twantsho borukutlhi.
Dr Muxanya Mbuyi yo o ikemetseng ka nosi o ne a gwetlha Bakeresete go ikgapha mo ditirong tse di duleng mo tseleng mme ba ikakatlele ka Jesu Keresete.
Dr Mbuyi o ne a galaletsa puso mo go lwantsheng HIV ka go neela ba ba nang le mogare diritibatsi.
O tlhalositse gore fa dipilisi tsa ARV di dirisiwa sentle, di kgona go fa motho botshelo jo boleele a sa ntse a itekanetse.
Dr Mbuyi a re puso e tsere tshwetso ya go thusa ba ba fitlhelwang ka mogare nako e sa ntse e le teng go sa lebelelwa bokete jwa masole a mmele jaaka pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Letsatsi la go gopola ba tlhokafetseng
Date : 25 Feb 2020