Go tlhoka go tsibogela dikotsi go a tshwenya
24 Feb 2020
Modiri wa Botswana Defence Force (BDF), Sergeant Thomas Mokganya, kwa Gaborone, o supile ngongorego ya gore badiri ba dithuso tsa potlako ka go farologana ga ba tsibogele dikotsi ka bofefo jo bo nametsang.
Sergeant Mokganya o buile jaana fa a ntsha bosupi fa pele ga lekoko le le tlhomilweng go batlisisa se se bakileng kotsi ya terena ya batho ya Botswana Railways ka Sedimontlhole, ngogola.
A re kotsi epe fela ke selo se se masisi, se gape se kgonang go gapa matshelo a batho kgotsa go baka dikgobalo.
Ka jalo, o kgadile seemo se a reng o se itemogetse a ntse a le mo loetong mo kgaolong ya Mahalapye, se a reng gantsi ba dithuso tsa potlako ga ba goroge ka bofefo kwa lefelong la kotsi.
Selo se, a re se a tshwenya ka gore batho ba ba amegileng ba a bo ba tlhokana le dithuso tsa potlako ka go farologana go falolaa dintsho.
O tladitse gape ka go re o itemogetse letlhoko la didirisiwa dingwe tsa badiri ba dithuso tsa potlako.
O file sekai ka letsatsi la kotsi ya terena, gore didirisiwa dingwe jaaka tang le digarawe, di ne di tswa go adingwa mo motseng.
Ka ene a sa tshabe metsi, gape a ruta batho go thuma, a re fa ba goroga kwa kotsi e neng e diragaletse teng, o ne a thusa ba bongaka le badiri ba bangwe go kgabaganya metsi go ya go thusa ba ba neng ba patisegetse mo tlhogong ya terena ka thuso ya potlako.
Sergeant Mokganya a re ka nako e ba gorogileng ka yone, metsi a ne a santse a le mantsi thata go kgabaganyetsa kwa tlhogo ya terena e neng e wetse teng.
A re ba ne ba rema ditlhatshana ka garawe go bula tsela e ba ba gobetseng ba neng ba fetisiwa ka yone go ya kwa koloing bya balwetse.
Le fa go ntse jalo, a re go ne go se bonolo go ntsha badiri ba BR ba ba neng ba patisegetse mo tlhogong ya terena ka ntata ya ditshipi tse di thata tsa terena le seretse se se neng se ba tshwere.
A re didirisiwa tse di maleba go ka sega ditshipi tse di thata tsa terena, di diegile go bonagala.
Gape a re ba bongaka ba ne ba ketefalediwa tiro ke gore go tserwe sebaka go lekwa go segwa ditshipi
Morago ga moo, a re ke fa go ntshiwa seretse se se neng se tshwere badiri gore ba kgone go tsholediwa ba isiwa kwa koloing ya balwetse.
Fa a ntsha la gagwe, modiri yo mongwe wa sesole, Warrant Officer Moses Scotch, yo o nnang kwa Thebephatshwa, a re fa ba goroga kwa kotsing, ba fitlhetse bapalami mo teng ga terena, ba thibeletswe ke boidiidi jwa metsi fa terena e neng e wetse teng.
Ka jalo, a re o ne a tshwanelwa ke go ya go emisa dikoloi mo tseleng ya A1, go adima megala e bapalami ba ka itshwarelelang ka yone ba kgabaganya metsi, go ya go palama dibese kwa tseleng, tse ba neng ba isiwa kwa sekoleng se sebotlana sa Pallaroad ka tsone.
Go gorogeng ga bone kwa kotsing e, a re ba fitlhetse badiri bangwe ba Botswana Police Service le ba BR, mme moragonyana ga goroga ba Mahalapye District Hospital Emergency Medical Service le ba ditima molelo.
A re ba ne ba ikaba ka ditiro, a tlhalosa gore fa ba bongaka ba ragogela go fa ba ba neng ba patisegetse mo tlhogong ya terena dithuso tsa potlako, bone ba ne ba thusana le ba sepodise go ntsha bapalami mo tereneng.
Ba setimamolelo bone a re ba ne ba lwa le go sega ditshipi tsa terena go bula phatlha ya go ntsha ba ba neng ba patisegetse mo tlhogong ya terena.
Ka go ne go sena ope yo o ba kaelang gore ba dire eng jang, kgotsa ba seka ba dira eng, Warrant Officer Scotch a re ba ne ba iipha botlhale jwa gore ba ka thusana jang go laola seemo gore ba falotse bapalami. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : potsolotsong
Date : 24 Feb 2020