Khansele e lekodisiwa ka CORONA
24 Feb 2020
Badiri ba lephata la botsogo mo Palapye ba lekodisitse makhanselara a kgaolo-potlana ya Palapye ka fa ba ipaakantseng ka teng ka seemo sa mogare o o tlhagogileng wa CORONA VIRUS.
E rile a tlhalosetsa makhanselara, mogolwane mo lekalaneng la botsogo jwa setshaba Rre Onthusitse Moube a re mogare o tlhagogile kwa China, bofelo jwa ngwaga o o fetileng, mme ka lesego ba ba tlhano ba ba neng ba belaelwa gore ba na le mogare ba fitlhetswe ba le tshenene.
O tlhaloseditse makhanselara fa ba tshwere ka natla go ruta setshaba le morafe wa kgaolo ya Palapye ka kanamo ya mogare le ka fa o ka gengwang ka teng ga mmogo le go ba lemotsha ka dikai tsa one.
O ne a re ditsela dingwe tse ba di dirisang ke go tsibosa setshaba sa Palapye le tikologo, go tlhatlhoba fa ba belaela dikai tsa malwetse le gone go baya leitlho kwa melelwaneng jaaka wa Martins Drift o mo nakong eno ba beileng bodiredi teng go dira ditlhatlhobo.
Rre Moube o ne a re ba tlhoka kemo nokeng ya makhanselara, bodiredi le batho ka bongwe ka bongwe.
Fa a tswa la gagwe, Dr Calistus Gobotswang go tswa mo kokelong ya Palapye o ne a re ba dirisa methale ya maemo a a kwa godimo go tlhatlhoba, mme e re morago ba romele tse ba di bonyeng kwa Afrika Borwa.
O ne gape a re ba malala a laotswe ka go baakanyetsa sepe se se ka tlhagogang ka go tlhopha kokelwana ya Extension 11 go isa bolwetse ba ba belaelwang teng, fa ba Emergency Medical Services le bone ba le malala a laotswe go thusa ka sepe fela se se ka tlhokwang jaaka dikoloi.
Ba ne gape ba rutwa ka go tlhapa diatla ka dinako tsotle le go khurumetsa molomo fa ba gotlhola.
Makhanselara ka nako tsa dikakgelo ba ne ba supa tlhobaelo ya gore gongwe ga go dirwe mo go lekaneng ka kokelo e e tshwanang le ya Palapye e le mosuke, mme go twe batho ba seka ba sukagana.
Bangwe ba ne ba re Bommamathwane ba tlhasetse mo dikoleng.
Ba ne ba botsa gore ba ba tlolang melelwane e se fa go tshwanetseng teng bone ba dirwa jang.
Fa a akgela Dr Gobotswang o ne a re mogare ga o tswe mo go Bommamathwane go ya kwa bathong, mme e bile dikai tsa one di lebelelwe mo malatsing a le lesome le bone.
O ne a re leina la one ke COVID19, go tewa gore ke mogare o mosha wa ngwaga wa 2019. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Tekodiso ya makhanselara
Date : 24 Feb 2020