Breaking News

Madi a YDF a tshwanetse go busiwa

23 Feb 2020

Mokhanselara wa Tidimalo a re o tshwentswe ke banana ba ba sa buseng madi a ba a adimilweng go dira dikgwebo.

Rre Solomon Dikgang o buile jaana mo bokopanong jwa khansele - potlana ya Serowe bosheng fa a ne a akgela mo pegong ya komiti ya ditlhabololo ya khansele potlana.

A re pego e supa fa banana ba adingwa madi ka lenaneo la banana la Youth Development Fund mme go nne dingalo go a busa.

A re se se a swabisa e bile se supa fa banana bao ba sa tseye kgang ya go busa madi ka tlhoafalo ntswa mo dinakong tse dingwe dikgwebo tsa bone di tsweletse mme go sena se se ba kganelang go ntsha madi a ba a kolotang kgwedi le kgwedi.

Ka jalo, Rre Dikgang o ne a kopa banana go tsaya kgang ya go busa madi a ba a adimilweng ka tlhoafalo a re ba tshwanetse go busa madi ao gore banana ba bangwe ba tle ba thusiwe ka one le bone ba ipulele dikgwebo.

O ne a gakolola fa puso e ntshitse lenaneo la YDF go thusa banana go bula dikgwebo le gone go bulela ba bangwe diphatlha tsa mebereko.

A re banana bangwe ba tshwaya puso phoso ba re ga e ba thuse ntswa e le bone ba ba tshwanetseng ba ithuse ka mananeo a a itebagantseng le go thusa banana.

Se se tla morago ga gore mogolwane go tswa kwa khanseleng-potlana ya Serowe, Mme Ruth Segweni a ntshe pego e e neng ya supa fa dikgwebo tsa banana tsa YDF di le 539 di setse di filwe dithuso tsa madi mo nakong eno mme mo go tsone, di le 482 di dira fa di le 57 di sa dire.

Mme Segweni o ne a kaya fa banana ba ba thusitsweng ka madi a YDF ba sa buse madi a ba a adimilweng.

O ne a re ntswa ba na le kgwetlho ya gore ba rotloetse banana go busa bontlha bongwe jwa madi a ba a adimilweng, go na le mmereki a le mongwe mo kgaolo-potlana ya Serowe yo o itebagantseng le go tsaya madi, ka jalo go tlhokana le gore go thapiwe yo mongwe.

A re kgwetlho e nngwe e ba lebaganeng le yone ke gore leuba le kgoreletsa dikgwebo tsa banana tsa temo-thuo.

A re go tsibogela seemo se, ba lephata la banana ba tshwaragane le la temo-thuo go thusa banana ka maele a gore ba ka tsamaisa digwebo tsa bone jang mo dinakong tsa leuba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : Bokopanong jwa khansele - potlana

Date : 23 Feb 2020