Dikgwetlho di diga maduo a thuto
23 Feb 2020
Makhanselera a kgaolwana-potlana ya Palapye a supile fa dikgwetlho tse di lebanyeng dikole di na le seabe mo kwelong tlase ya maduo.
Fa ba akgwa dikgaba tekodiso ya kgaolo ya ga modulasetilo bosheng, makhanselara ba supile matshewenyego mo tlhaelong ya dibuka le gore a madi a go okediwa ga dijo tse difepang bana tsa bobedi a tlaa nna teng.
Makhanselera a ne a re maduo a ka seke a tokafale kwa dikoleng tse dipotlana fa di santse di lebanwe ke go wa ga marulelo, bommamathwane le yone tlhaelo ya dijo tota.
Ba re bontsi jwa bana ba dikole tse dipotlana ga mmogo le barutabana ba tlhasetswe ke sehuba sa mongannganyego se se bakiwang ke lerole le le tswang mo marulelong.
Ka kgang ya dibuka ba ne ba re ke eng se se paledisang gore fa dikole di tswalwa ba ba maleba ba bo ba simolola go rekela dikole dibuka gore fa di bulwa bana ba fitlhele di le teng.
Ka kgang ya dijo kwa sekoleng ba ne ba re e re le ntswa mogopolo wa go fepa bana gabedi ka letsatsi o le montle, ba na le letshogo la gore go dirwa jalo go sa okediwe bodiredi gore bo itepatepanye le bokete jwa tiro.
Ba re ba ipotsa gore a mme pitsa ya bobedi e ya go kgonega ka bodiredi jo bo tlhaelang.
Makhanselera ba ne ba re tshimolodiso ya dikole tsa bananyana kwa go tse dipotlana e botlhokwa, sebe sa phiri ke gore ga go na tsone ditsopmpelo tse bana bao ba di dirisang.
Bangwe ba ne ba re go ka bo go go okediwa dijo tse di fiwang bana pele.
Mokhanselera yo o itlhophetsweng Rre Tiro Keorapetse o ne a fapaana le bakaulengwe ba gagwe a supa fa mongwe le mongwe a tshwanetse a tsaya boikarabelo mo thutong ya bana go na le go supana ka monwana, a re go botlhokwa go tlhabolola motho segolo jang mo go tsa thuto.
O ne a re ene o akanya gore gongwe madi a a fiwang kgaolo mo go one go seegelwe bontlha bongwe fa thoko go thusana le barutabana ka go duelela barutuntshi ba ba faphegileng gore ba thuse bana go itlhokoletsa ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa le la mophato wa botlhano a re gongwe maduo a ka tokafala.
Rre Keorapetse a re go mo maruding a boemedi go thusa puso ka go itse dikgwetlho tse dikole di lebanyeng le tsone le go tla ka ditharabolo ba le mmogo, go na le go emela go tswa ga maduo e bo e le gone ba kgalang barutabana le megokgo.
Mohanselara Keorapetse o ne a re go botlhokwa go busetsa lenaneo la pitso ya basha mo tirisong ka le ne le na le maduo a a neng a bonala, ka le ne le efa banana sebaka sa go tswa ka megopolo ya se se ka dirwang go tlhabolola lenaneo la bone le gone go ikutlwa le bone ba na le seabe mo go lone.
A re letlhoko la ditiro le a tshwenya mme gongwe ke nako ya gore go buisanngwe le boradipolase tse di mo Tswapong go thusa bana go lema go ntsha dijo le gone go tlhamela ba bangwe ditiro.
O ne a wela ka go re a lenaneo la ISPAAD le sekasekewe gore le ka tlhabololwa jang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Tekodiso ya kgaolo
Date : 23 Feb 2020