Kgomo Khumo e abela kokelwana ya Kalamare
23 Feb 2020
Lekgotlana la mapodisi la Kgomo Khumo mo Mahalapye le abetse kokelwana ya Kalamare mochine o o tlhatswang dilwana.
Fa a rola mochine oo kwa Kalamare bosheng, mookamela mapodisi a District No. 16, Rre Reuben Mphoeng o kaile fa se se rotloeditswe ke mowa wa lorato wa badiri, ba a reng ba ntse ba thibeletse mo Kalamare ba lwantshana le bogodu jwa leruo.
O lebogetse batho ba Kalamare go bo ba ne ba amogela le go tshola mapodisi a a lesome ao sentle a re “lorato le, ke lone le le rotloeditseng mapodisi a go re ba bo gompieko ba le gadimile.”
O ne a kaya fa ba ikemiseditse go direla setshaba ka jaana ba setse ba kile ba aba mo kgaolong ya Mahalapye go busetsa ko sechabeng.
A re mowa wa go direla setshaba o ne wa rotloediwa ke tautona wa pele Lt Gen Seretse Khama Ian Khama a kaya fa go le botlhokwa gore bodiredi jwa puso bo seka jwa iteba bo le nosi mme ba direle le setshaba.
Rre Mphoeng a re mapodisi ao ba ne ba ikanapa dipata go kgobokanya madi a a kana ka P4 000 go reka mpho e ntle le go kopa thuso.
Selo se, a re se tsamaelana le maitlamo a bone e le ba sepodise a go ikatametsa setshaba ka ba lemoga fa ba ka se kgone go fitlhelela maikaelelo a bone ntle le thuso ya bone.
Ka jalo, o kaile fa a tshepha fa mpho e e tlaa tokafatsa ditirelo tsa kokelwana mme ebile setshaba le sone se tlaa e akola ka ba tlaa bo ba thusediwa mo lefelong le le nang le bophepa jo bo kwa godimo.
Fa a amogela mpho eo, mogolwane wa sepatela sa Mahalapye, Mme Annah Sebogodi, o ne a leboga mo boemong ja badiri ba botsogo mme a tshwaela fa ba itemogela gore sepodise sa gompieno ga se tshwane le sa maloba se se neng se tshabega.
A re go a itumedisa go bona sepodise se dirisana le bone ka neelano.
Kgosi Goareng Mosinyi le ene o ne a leboga mapodisi a Kgomo Khumo go re e bo e rile ba disitse motse wa Kalamare ba bo ba lebeletse le ditlhaelo, kgotsa botlhoki jwa bone mme ba tsaya tshweetso ya go thus aba kokelwana ya Kalamare. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila
Location : MAHALAPYE
Event : Kabo mpho
Date : 23 Feb 2020