Go onala ga dikole go digile maduo a thuto
23 Feb 2020
Makhanselara a kgaolo-potana ya Serowe a boletse fa go onala ga dikole le go tlhaela ga matlwana a borutelo go baka kwelo-tlase ya maduo mo kgaolong.
Ba buile jalo mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng kwa Serowe bosheng fa ba akgela mo puong ya modulasetilo e Rre Lesedi Phuthego.
Makhanselara ka kakaretso ba boletse fa e rile bosheng komiti ya tlhokomelo dithoto tsa khansele le tshomarelo madi ya etela dikole le dikago dingwe tsa khansele.
Ba boletse fa ba bone matlhomolapelo dikole di le makgasa, fa mo go tse dingwe bana ba santse ba rutelwa kwa ntle ka fa tlase ga ditlhare fa kwa go tse dingwe ba sukagana.
Ba re go tlhaela le go tla thari ga dibuka le gone go na le seabe mo go kgoreletseng bana le barutabana.
Ba ne ba bolela fa matlwana a boiteketso a bana e le mathata fela, ba bolela fa mo dikoleng dingwe bana ba ithomela mo dikgweng tse di bapileng le dikole.
Matlwana mangwe ga a na metsi fa mangwe metsi a dutla, fa mangwe a sale a senyega mme go sa dirwe sepe.
Ba boletse fa letlhoko la matlo a boroko a barutabana le badirelapuso go ngomola pelo ka gore ba bereka fela ka mowa oo kotlometseng.
Ba kopile khansele go shafatsa matlwana a borutelo a dikole, ba re mo teng ga matlwana go mahutihuti.
Ba re dilo tsone tseo fela ke tsone di dirang gore maduo a dikole a ye tlase.
Mo dikgannyeng tse dingwe ba boletse fa ditsela tse di fa gare ga metse di senyegile thata, bogolo jang kwa Serowe.
Ba boletse fa ditsela dingwe mo metseng e e bapileng le Serowe di sale di tsenngwa mo lenaneong la ditlhabololo, maikaelelo e le go busediwa mo seemong mme nakokgolo ke eno.
Ba buile gape ka letlhoko la ditiro ga banana mo ba ikanyang kwa Ipelegeng le go inaakanya le borukutlhi.
Ba boletse fa go diega ga lephata la kabo-ditsha go aba lefatshe la bonno go dira gore jaanong batho ba ikabele lefatshe.
Mo go tsa botsogo ba boletse fa melemo e seyo mo dikokelong le gore dingaka di a tlhaela. Ba boletse fa dikokelo dingwe di le makgasa mo go sa siamelang botsogo jwa balwetse.
Ba bolela fa sepatela sa Sekgoma se wa marulelo le gore dingaka tsa Batswana ka bontsi di siela kwa mafatsheng a mangwe go batla mahulo a matalana.
Mme bangwe ba akgotse mananeo a puso jaaka la banana la YDF ba bolela fa le thusitse bangwe ka go itirela mebereko.
Makhanselara ba ne ba kopa modulasetilo go ba kopanya gore ba bereke mmogo ka bongwefela jwa pelo ba beele dipharologanyo tsa sepolotiki tsa diphathi tsa bone kwa thoko.
Makhanselara ba boletse fa dipharologano di ka dia ditlhabololo mme batlhophi e nne bone ba bogang.
Ba boletse fa makhanselara a a itlhopetsweng ke tona le one a na le ditshwanelo fela jaaka ba ba tlhophilweng kwa dikgaolwaneng tsa bone.
Kgaolo-potlana ya Serowe e ne e le la ntlha mo ditsong e nna le makhanselara a kganetso, mme jaanong go kgokgontsha ba ba itlhophetsweng e le selo modiro mo tsamaisong ya khansele ya Serowe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : phuthego ya khansele
Date : 23 Feb 2020