Breaking News

Thuto e ka fetola matshelo a magolegwa

23 Feb 2020

Mookamela Kgolegelo ya Mahalapye, Senior Superintendent Shakani Thani, a re go botlhokwa gore magolegwa a amogele thuto jaaka peo e e ka fetolang matshelo a bone morago ga go gololwa mo kgolegelong.

Rre Thani o buile jaana kwa moletlong wa letsatsi la go bala le go kwala kwa Mahalapye, bosheng.

Mogolwane o ne a re maikaelelo a letsatsi leo, e ne e le go rokotsa maikutlo le keletso ya thuto mo magolegweng, gore ba tsenelele dithuto.

A re go a tshwanela gore e le badira melato ba lemosege mo setshabeng gore ba agegile, ‘mme e bile ba farologane le batho ba senang thuto.’

Mogolwane o gateletse gore go mo maruding a magolegwa gore ba fetole matshelo a bone ka thuto.

“Mabaka mangwe a a le tsisitseng mo kgolegelong, a ka tswa a amana le tomagano le botsalano kwa malwapeng, bangwe le dirile diphoso ka kgatelelo ya balekane. Mme jaaka botsamaisi jwa melao, re dumela gore le santse le ka nna batho ba ba amogelesegang mo setshabeng, ka le agegile,” ga bua Rre Thani.

O ba tlhaloseditse gore ntswa ba dirile diphoso, ba tshwanetse go itse gore ba santse ba tlhokwa ke setshaba. A re maiteko a letsatsi le tshwana le leo, ke gore e re ba le mo kgolegelong jaana, ba seka ba fetwa ke sepe se se diragalang mo lefatsheng ka gore thuto ke maatla.

“Go botoka fa le ka tlhoka go itse ka mabentlele a a agilweng kwa Palapye, go na le go tlhoka go itse ka sekole sa BUIST, se se ka fetolang matshelo a lona, ka tota thuto e le maatla,” ga tlatsa Rre Thani.

O ba rotloeditse go dirisa go tshwarwa ga bone jaaka mapalamelo a go phunyeletsa mo botshelong, gore ba nne le katlego, fa ba sena go gololwa mo kgolegelong.

Mo godimo ga moo, o ba rotloeditse gape go nna banni ba lefatshe, ba ba kgonang go dira ditshwetso tse di maleba mo isagong.

Mongwe wa magolegwa e bile gape e le moithuti, Mme Phatsimo Ijani, o rotloeditse bangwe ka ene go lemoga mosola wa thuto.  Mme Ijani o akgotse setshaba se ba tswang kwa go sone, a re se na le lerato mo go bone.

O ne gape a kopa magolegwa ka ene go nyorelwa la thuto, a re tse tsotlhe di simolola ka go bula pelo, a ba kopa gore ba tlhokomologe tse di kwa thoko mme ba iiphe lorato.

“Lesang go letlelela tse di fetileng go le laola, le fa re le mo mathateng, a seka a re diela go akanya. Nako e re e nnang mo kgolegelong e re fa sebaka sa go aga bokamoso jwa rona sesha.  Thuto ke boswa, ka jalo ke leboga barutabana ba ba berekang ka maatla go tlhomamisa gore ba re fa thuto,” ga tlatsa Mme Ijani.

Leloko la komiti ya thuto Sergeant Onneile Lesetlhe a re ba ne ba itemogela gore maduo ga a kgatlhise, ke sone se ba neng ba tsenya ditlhogo go leka go bepisa seemo se.

O supile gape gore ba ne ba netefatsa gore bangwe ba babereki ba ba nang le dithuto tse di maleba ba thusa go ruta baithuti ba. Ka jalo, o kopile maphata le ba-na-le seabe botlhe go thusa ka tse di tlhokafalang go ntsha maduo jaaka dibuka, dipena, kgotsa didirisiwa ka go farologana tsa thuto. A re makalana mangwe a atle a thuse, mme ga go a lekana.

A re e le ba thuto ba leba bokgoni jo moithuti a nnang le jone mme ba mo kgaoganyetse dithuto sentle gore a kgone go dira sentle go na le go mo fa tiro e ntsi e e ka nnang bokete.

Mo kgolegelong e, go na le magolegwa a a dirang ditiro tsa diatla, di tshwana le go betla, go roka, go baakanya dilwana tsa matlo, tse di ntshang maduo a mantle. Ditiro tse dingwe di akaretsa tsa temo-thuo, jaaka thuo ya dikgomo, dikoko le dinku, le go lema merogo e ba e ejeang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : MAHALAPYE

Event : moletlo wa letsatsi la go bala le go kwala

Date : 23 Feb 2020