Toto o kgala go bipa mpa ka mabele
20 Feb 2020
Kgosi David Toto II wa Tsabong o kgadile a sa kgwe mathe banni ba ba bipang mpa ka mabele dikgang tsa tsenyetso setshaba.
O buile jalo kwa thutong puisanyo ee neng e rulagantswe ke khansele ya Kgalagadi kwa Tsabong bosheng.
A re banni ba tshwanetse go tshwaragana le maphata a puso go lwantsha tshenyetso setshaba.
O ba rotloeditse go tlhaba mokgosi fa ba lemoga sepe fela se se fatlhang.
Kgosi Toto II a re tshenyetso setshaba e ka phutlhamisa itsholelo ya lefatshe ya bo ya baya ba ba nang le bokgoni jwa go dira ditirelo tsa puso ka fa mosing.
Ka jalo, go botlhokwa gore ope yo o tsenang mo komiting ya twantsho tshenyetso setshaba a bo a itshekile mo mekgweng ya gagwe mme ebile a tshephagala.
A re bangwe ba ba mo dikomiting tseo ba na le go bipa mpa ka mabele mme seo se dira gore ba nne le seabe mo tshenyetsong setshaba.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane kwa khanseleng ya Kgalagadi, Rre Origin Nthubu, o tlhalositse fa puso e dira ditogamaano e bo e ntsha ditlamelo gore ditirelo le mananeo a goroge kwa Batswaneng, ka jalo go botlhokwa gore ditlamelo tseo di goroge.
A re tshenyetso setshaba e ka kgoreletsa gore seo se kgonagale ka jaanong meamuso e tlaabo e dirisiwa mo go se se sa lebanang.
A re bangwe ba fiwa ditiro tsa puso, lentswa go sa lebana mme seo se ka itsa gore ditirelo di goroge sentle kwa Batswaneng.
O ne a tlhalosa gore bangwe ba fiwa ditiro tseo ka madi a a kwa godimo fela thata.
Rre Nthubu a re bangwe ba akola mananeo lentswa a ne a sa ba lebana jaaka dijo tsa batlhoki, selo se a reng ke tshenyetso setshaba ka gore madi ao a ka bo a dirisitswe mo go tse dingwe go tlhabolola lefatshe.
O ne a kopa banni ba Tsabong gore ba letse phala fa ba ka belaela sengwe kana ba bona tshenyetso setshaba e diragala, a supa fa go le botlhokwa go nna podi matseba nako le nako.
A re fa tshenyetso setshaba e ka lesiwa go jwelelela lefatshe le ka iphitlhela le gatile mosima wa phika ka marago.
“Mafatshe mangwe a ne a letlelela gore mowa o wa tshenyetso setshaba o gole jaanong go thata mo e leng gore motho o tsoga a sa itse kwa a ka bonang sejo sa letsatsi teng.”
Rre Benjamin Kabomo wa khansele ya Kgalagadi o tlhalositse gore tshenyetso setshaba ke bolwetsi jo bo tshwanetseng go potlakelwa.
A re e dirwa ke batho ba ba pelo tshetlha, boeteledipele jo bo reketlang le ba ba dumelang go amogela pipa molomo.
O ne a gakolola banni gore ba emise go abela baberiki ba puso dipodi gore batle ba fiwe mananeo.
Rre Thuso Modi ene o ngongoregetse go abiwa ga ditirelo tsa puso ke ba khansele.
A re selo seo se ba baya ka fa mosing e le bagwebi ka gore ditirelo di neelwa bagwebi ba le bangwefela.
Rre Tshipietsile Mothelesi o ne a lebogela maiteko a khansele a go bitsa bokopano joo ka e le lantlha go diragala kwa motsing oo.
O boditse gore go tla jang gore beng ba dikonteraka ba bitse madi a mantsi go dira ditiro tsa puso lentswa kwa mmarakeng ditlhwatlhwa tsa ditirelo tseo di le kwa tlase.
A re seo ke tshenyetso setshaba mme ebile se tshwanetse go emisiwa.
O ngongoregetse gore khansele ya Kgalagadi e reka mediro ya dikoloi tse disha ngwaga le ngwaga. A tlhalosa gore fa dikoloi tseo di santse di siame di a rekisiwa ka palabalo.
Kgosi Piet Kartze ene a re go botlhokwa gore fa setschaba se letsa phala se bo se sireletsegile.
A re bontsi jwa bosupi bo latlhiwa ke bone ba ba begelwang dikgang.
Ka jalo batlhotlhomisi ba tshwanetse go sireletsa bosupi gore boammaruri bo diragadiwe.
A re go na le dikgang tse di begwang mme di felela fela mo phefong.
Ka jalo. o ne a kopa gore batlhotlhomisi ba dikgang tsa tshenyetso setshaba e nne batho ba ba boikanyego.
E rile a araba dikgang tse dingwe, Rre Nthubu a bolela fa go ise go nne le maranyane a a supang gore motlhoki o bone dithuso kwa maphateng afe mme khansele e dira maranyane a a tlaa kgonang go supa gore motho o bone dithuso kae.
A re go tlhoka go tsaya mananeo a puso ka tlhwaafalo ke tshenyetso setshaba ka gore di a bo di rekilwe ka madi gore di ba namole mo leubeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Tsabong
Event : Thuto puisanyo
Date : 20 Feb 2020