Breaking News

Mothusa molaodi o gakolola magolegwa go ikemela ka dinao

20 Feb 2020

Mothusa molaodi wa kgaolo ya Kgalagadi, Rre Bigboy Mangwa, o gakolotse magolegwa aa gaufi le go tswa mo kgolegelong go fetola boitshwaro jwa bone ka go ka ba thusa go amogelwa  mo setshabeng. 

O ntshitse kgakololo kwa dithutong tse di neng di rulagantswe ke kgolegelo ya Tsabong bosheng.

A re go maruding a magolegwa gore tsela pedi ba tsaya efe mo go direng tse di siameng le gone go ipaakanyetsa dikgwetlho dipe fela tse ba ka kopanang le tsone le go tswa ka ditharabololo tsa tsone go supa fa ba ithutile sengwe.

Modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Tsabong, Moruti Obakeng Baumake ene o rotloeditse magolegwa go ikanya modimo ka e le one konokono mo matshelong a bone.

O ne a gakolola magolegwa go laola maikutlo, tlhaloganyo  le dikeletso tsa bone  ka e le tsone  tse gantsi di ka ba gogelang mo thaelong fa ba goroga kwa metseng ya bone morago ga go fetsa lebaka la kgolegelo.

O ba rotloeditse go tlhwaafalela go inaakanya le thuo  ka e le yone teemane ya lefatshe.

Mookamela badisa magolegwa kwa Tsabong, Senior Superintendent Shathani Thela o ne a tlhalosa fa ba ne ba bona go le botlhokwa go tlhatlhelela  magolegwa aa gaufi le go tswa mo kgolegelong gore ba kgone go itepatepanya le dikgwetlho tsa botshelo.

O ne a supa fa ba rutuntsha magolegwa a le masome a mane le bone ba ba tswang kwa dikgolegelong tsa Ghanzi,Tshane le Tsabong ba ba setseng ka lebaka le le khutshwane go gololwa.

Senior Superintendent Thela  o ne a bolela fa tsholofelo ya bone e le gore magolegwa  a tlaa dira pharologanyo le go ikela tlhoko ka nako tsotlhe.

O ne a supa fa kgolegelo ya Tsabong e na le magolegwa a le masome a herabongwe  le bosupa ba bontsi jwa bone e leng banana.

A re bontsi jwa magolegwa mo kgolegelong ya Tsabong  ba tshwaretswe melato ya bogodu jwa loruo le diphologolo.

Mongwe wa barutuntshi go tswa kwa lephateng la matlhoko a leruo, Mme Tshepiso Kgathi o boletse fa lenaneo la LIMID le sa kgetholole ope mme le thusa ka dihutshane di ferabongwe le dikoko tsa Setswana tse masome a mabedi le botlhano.

Mme Kgathi o ne a supa fa puso e atolotse letsogo go tlhabolola matshelo a Batswana ka mananeo a o mme go le mo maruding a bone gore ba atlarele ka diatla tsoopedi le go tlhokomela tse ba di neetsweng gore di tle di ba tswele mosola.

Fa a bua  ka lenaneo la  ISPAAD le faphegileng, Mme Kgathi o supile fa le akolwa fela  ke banni ba dikgaolo tsa kgalagadi, Ngwaketsi West le Ghanzi.

O ne a  tlhalosetsa magolegwa fa  puso e duelela moikopedi sephatlho sa madi a palo ya leruo le a le ikopetseng fa moikopedi ene a duela  bontlha bongwe, mme ba ba kobodikhutswane bone ba thusiwa ka dipodi di le lesome le bone morago ga tsheka tsheko  ya ofise ya boipelego.

Fa a tswa la gagwe Rre Arabang Sefakwe go tswa kwa lephateng la tlhabololo banana metshameko le ngwao o ne a tlhalosa ka mananeo a lephata la gagwe, jaaka lenaneo la  YDF le le thusang banana ka P100 000 go ipulela dikgwebo, dikgaisano tsa malatsi a ga tautona tsa botaki le bodiragatsi.

Rre Sefakwe o boletse fa dikgaisano di simolodisitswe ka maikaelelo a go ntsha banana mo mekgwatlheng gore ba seka ba iphitlhela ba dirile tse di duleng mo tseleng le gone go epolola ditalente.

Magolegwa a ne a lebogela baeteledipele ba dikgolegelo ba bo ba  itumelela thata  dithuto  ka mananeo le dikgothatso tse ba di neetsweng ba supa fa di wetse mo mmung oo nonneng  ka di tla ba fetola go tshela botshelo jo bosha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Dithuto

Date : 20 Feb 2020