Banni ba ngongorega ka go sa tlhokomelesegeng ga seporo
20 Feb 2020
Banni ba Palapye ba ngongorega ka go tlhoka tlhokomelesego ga seporo sa terena, ba buile se ko phuthegong ya kgotla e e neng ke beditswe ke lekoko le le sekasekang se se bakileng kotsi ya terena Sedimonthole a le lesome ngwaga e e fetileng.
E rile a amogela batho mo kgotleng Kgosi Michael Maforaga o ne a leboga tautona go bo a direle tiro e entle ya go tlhoma lekoko le le tlhotlhomisang kotsi ya e ka gore ebile go nale ba ba ileng ba tokafala.
Kgosi a re batho ba Palapye ba ngongorega ka makgabaganyetso a diterena ba re a senya dithaere tsa dikoloi tsa bone,a re se se diragala ka lebaka la gore seporo ga se tlhokomelwe.
Banni ka go farologana ba ile ba supa fa go ngomola pelo go bona fa dibaesekele tse di nneng di dirisiwa go thusa go baakanya seporo di sa tlhole di dirisiwa jaaka pele.
Mme Oitsegele Dikgate o kaile fa seporo se le leswe ebile go sa kgaolwe ditlhare fa tlhoko ga sone go thusa gore bakgweetsi ba terena ba bone tsela sentle.
Mme Goitsemodimo Sebeya o gakolotse ba Botswana Railways go dira mo tshela godimo fa makgabaganyetsong a diterena le dikoloi go itsa dikotsi.
Rre Benson Bojong yo eleng modiri wa pele wa Botswana Railways o ile a supa fa se se diragetseng ka Sedimonthole a le lesome e le sekao sa gore dilo dingwe dine di sa dirwe sentle.
Rre Bojong a re boeteledipele jwa BR bo tshwanetse jwa boela kwa marakanelo ba dira dilo jaaka fa bane ba di dirwa pele.
A re boeteledipele jwa BR bo tshwanetse jwa utlwa batho ba ba berekang kwa tlase gore dikgwetlho le matshwenyego a bone ke eng, a re mo go ka thusa go tlhokafatsa pabalesego ya diterena. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : PALAPYE
Event : kgotla meeting
Date : 20 Feb 2020
Related News
13 Oct 2025
Mopamente o aba ntlo
10 Oct 2025
Madziba o itshetsa ka dikiriba
08 Oct 2025
Ba supa fa madi a bagodi a fetotse matshelo
07 Oct 2025