Kgosi o kopa gore setlhare sa mokolwane se sirelediwe
19 Feb 2020
Di tsa tlholego ke dingwe tsa dilo tse Batswana ba ka di dirisang go itshetsa.
Kwa kgaolong ya Bobirwa, setlhare sa mokolwane ke sengwe sa tse di ka namolang banni lehuma.
Bontsi jwa batho bogolo jang ba ba tswang kwa mafelong a setlhare se se seyong teng, ba itse fa se bonwa thata kwa dikgaolong tsa Legare, Okavango le Ngami mme tiro kgolo ya sone e le go loga didirisiwa tse di farologaneng.
E re ka se solegela banni ba kgaolo ya Bobirwa molemo, Kgosi Bethuel Machete wa Motlhabaneng o eletsa gore se sirelediwe ebile se dirisiwe ka kelotlhoko gore dikokomane tse di tlang di tle di se akole.
O boletse mo potsolotsong fa a etse tlhoko gore mokolwane o itseelwa ke mongwe le mongwe, mme fa se ne se ka sirelediwa se ne se ka tswela kgaolo ya gagwe mosola.
O kaile fa mo motseng wa gagwe, bangwe ba se dirisa go dira mofine mme o santse a sena kitso ya gore a bojalwa joo bo letleletswe ka fa molaong.
Kgosi Machete a re bojalwa joo bo dirwa fela ka setlhare seo mme bo sa tswakanngwe le sepe, ka jalo o na le keletso ya gore baitseanape ba sekaseke gore a bo siame.
A re o na le tumelo ya gore bojalwa joo ga bo na botlhabetsi bope mo botsogong ka ba gola ba fitlhela bo ntse bo dirwa ebile bo nowa fela thata mme go isi go nne le mathata ape a botsogo a a amanngwang le jone.
A re mokolwane o na le maungo a a jewang a a bitswang mogogo.
Kgosi Machete a re bangwe ba se jwalela go kgabisa fa bangwe ba kgona go dira mekgabisa ya mo tlung ka sone.
O supile fa diotele di se jwalela moruti ka se gola fela thata fa bangwe ba se dirisa e le kalafi ya matlho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : MOTLHABANENG
Event : Polelo
Date : 19 Feb 2020