Ditlou di tlhorontsha Bobirwa
19 Feb 2020
Bojanala ke mongwe wa mehama e Botswana a ikaegileng ka yone go aga le go tokafatsa itsholelo.
Dikgaolo tsa Chobe le Bokone Bophirima ke tsone dihumileng thata diphologolo tsa naga.
Ga reng ga diphologolo tse go buiwang thata ka tsone ke tlou, mme bontsi jwa tsone bo bonala kwa Chobe le Bokone Bophirima.
Le fa go ntse jalo, metsamao ya tsone e fetogile mo di kgonang go bonala kwa e kileng ya bo e se tlwaelo go di bona teng jaaka borwa jwa lefatshe leno.
Baitseanape bangwe ba supa phetogo ya loapi ka monwana ba kaya fa bonno jwa diphologolo jwa tlholego bo simolotse go babalelwa ke seemo se mme di phologolo dingwe jaaka ditlou di patalesega go tsamaela kwa mafelong a sele go batla dijo le metsi.
Kgaolo ya Bobirwa ke nngwe ya dikgaolo tse di tlhorontshiwang ke kgolo ya dipalo tsa ditlou.
Le fa gone ka tlwaelo ditlou di ne di bonala ka sewelo kwa kgaolong e, palo ya tsone jaanong e godile mme di tshedisa banni ka tlhobaelo le letshogo le legolo.
Matshelo a letsatsi le letsatsi a banni, segolo bogolo balemi, amegile fela thata.
Fa e sale ditlou di simolola go phuthololela mosepele kwa mafelong a di neng di seke di bonwa teng, Batswana bangwe ba tshelela mo selelong.
Fa ditlou di ka tsena mo masimong, di tlogela balemi ba rwele matsogo mo tlhogong.
Badiri ba ofisi ya diphologolo kwa Machaneng ba tlhalosa fa go le botlhokwa gore batho ba ithute mokgwa wa diphologolo gore ba kgone go tshela le tsone ntle le kgotlhakgotlhano.
Mogolwane kwa ofising eo, Rre Motlhanka Gami, a re ka diphologolo di kgona go nna borai mo matshelong a batho, go botlhokwa go ithuta ka tsone.
O tlhalositse fa tlou e le phologolo e e nang le kutlo le go dupelela mo go kwa godimo mme go le botlhokwa gore fa motho a ka tshokane a kopane le yone, a tshabele kwa phefo e yang teng go itsa gore e utlwe monko wa gagwe.
A re tlou e rata go tshosetsa motho pele e ka mo tlhasela mme e supa seo ka go phutholola ditsebe kana go tshikinya thogo le go supa metsamao e e sa tlwaelesegang jaaka go ya kwa pele le kwa morago.
A re motho o ka tila bogale jwa tlou ka go ema a bo a opa diatla, mme a re gantsi fa tlou e utlwa modumo oo e boela kwa morago, ga e ka ke ya tsweledisa go galefa ga yone.
Rre Gami a re kgaolo ya Machaneng ga se gantsi e etelwa ke ditlou mme a rotloetsa balemi go nna kelotlhoko ka gore tlou e kgona go tsamaya sekgele se se leele e batla metsi le dijo.
Ka ntlha ya tshenyo e e maswe e ditlou di e dirang mo masimong, balemi bangwe kwa Bobirwa ba setse ba tlelwa ke boitlhobogo mo temong.
Kgosi Keabetswe Mokgethi wa Gobojango a re koo ke selelo le khuranyo ya meno.
A re ngwaga le ngwaga balemi ba kojwa ke ditlou kwa masimo, selo se jaanong se kgobang bangwe marapo fa bangwe ba ikanya Ipelegeng go nale go lema.
“Balemi ba itlhobogile ka gore ba lemela ditlou,” Kgosi Mokgethi a tlhalosa.
Kgosi Mokgethi a re ditlou kwa Tuli di apesitse balemi kobo ka letshoba mo e reng le fa pula e nele mo kgaolong, balemi bangwe ba nne fela mo gae ntateng ya gore matsapa a bone e nna a lefela. A re le fa gone kgaolo eo e ne e ntse e na le ditlou ka tlwaelo, phetogo jaanong ke gore tse ba di bonang mo dingwageng tse, di bosilo mo ebile di kgonang go leleka le yone koloi tota.
Kwa Motlhabaneng le gone selelo sa ditlou se sengwefela mme Kgosi Bethuel Machete a re morafe o setse o phuagantse temo.
A re phimolo dikeledi le yone ga se ya sepe ebile e tla morago ga nako mo go dirang gore batho ba batle maano a mangwe a go tshela kwa ntleng ga temo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : GOBOJANGO
Event : Polelo
Date : 19 Feb 2020