Lekoko le akgola sekole sa Masunga
19 Feb 2020
Lekoko la Lephata la Thuto go tswa kwa Moding la kgaolo ya Bokone Botlhaba le akgoletse sekolo se segolwane sa Masunga go bo se dirile sentle mo ditlhatlhobong tsa mophato wa botlhano.
Lekoko le ne le akaretsa mookamedi wa lephata leo wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Labane Mokgosi.
Kakgolo e tla jaana morago ga gore sekolo sa Masunga se gaise dikolo kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba mme e bile gape se tsere maemo a bobedi mo lefatsheng leno ka bophara.
Mo ditlhatlhobong tsa ngwaga wa 2018, sekole sa Masunga se ne sa gapa maemo a bobedi mo kgaolong morago ga Mater Spei kwa Francistown, mme sa tsaya maemo a boraro lefatshe ka bophara.
Ka jalo, Rre Mokgosi a re sekolo sa Masunga se tshwanelwa ke go galalediwa go bo se tsweletse ka go dira sentle, a re ke sone se ba neng ba ipha matsapa a go se etela go akgola babereki, baithuti, komiti ya batsadi le barutabana le ba-na-le seabe ba bangwe.
A re sekole se dirile ditso ka jaana se thankgotse dikolo tse di tlwaelesegileng ka go itlhoma kwa tlhogong mo maduong a mophato wa botlhano.
Rre Mokgosi o ne a phophotha legetla mogokgo wa sekolo seo, Mme Mmadube Letsholathebe le mothusi wa gagwe, Rre Gaisitege Chakalisa, go bo ba sa rwale matsogo mo tlhogong fa ba lebanwe ke dikgwetlho dingwe.
O ne a gakolola baithuti go tlhagafalela dithuto gore le bone ba tle ba ntshe maduo a a nametsang le go nna baeteledipele ba lefatshe leno ba kamoso.
Rre Mokgosi o ne a kopa baithuti ba basimane go emisa go iteega tsebe le go senya dithoto tsa sekolo.
Rre Mokgosi o ne a kopa barutabana gore ba seka ba letla dikgwetlho tse ba kopanang le tsone go ba kgoba marapo.
O ne a ba rotloetsa go itoma molomo wa tlase le go tswelela ba bereka ba le setlhopha go tshegetsa serodumo sa sekolo sa bone.
Mabapi le matshwenyego aa neng a ntshiwa ke Rre Paragon Jersey mo boemong jwa barutabana la go sa tlhatlosiwa maemo ga bone, Rre Mokgosi a re fa go nna le phatlha epe e e fa godingwana mo sekolong sa bone, ba tshwanelwa ke go e phadisanela le balekane ba bone go tswa kwa dikolong tse dingwe.
Mongwe wa barutabana, Rre Christopher Chikwakwa, o ne a supa fa ba lebanwe ke bothata jwa tlhaelo ya matlo a boroko jwa bodiredi le didirisiwa dingwe jaaka dikoloi, mme a re go botlhokwa gore dikolo tse di fang baithuti boroko di nne le dikoloi tse pedi.
Mme Letsholathebe ene o ne a supa boitumelo go bo sekolo sa gagwe se kgonne go ntsha maduo ao.
A re phenyo eo e nnile teng ka ntlha ya tshwaragano magareng ga barutabana, batsadi, baithuti le lekgotla le le tsamaisang sekolo mmogo le ba-na- le seabe.
Barutabana le baithuti ba ne ba solofetsa lekoko leo fa ba tla ipapana ka gotlhe, ka maikaelelo a go tla ba tsaya maemo a ntlha lefatshe ka bophara. BOPA
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Polelo
Date : 19 Feb 2020