Breaking News

Kgosi Thaba o bolokwa ka Matlhatso

18 Feb 2020

Kgosi wa pele wa Themashanga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Kgosi Mabalani Thaba, o tlhokafetse.

Kgosi Thaba o tlhokafaletse kwa kokelong ya Nyangabwe kwa Francistown kgwedi eno e le lesome le bobedi.

Ngwana wa moswi yo eleng ene kgosi wa Themashanga gompieno, Kgosi Bapaphi Thaba, o boletse fa rraagwe a lwetse ka lebaka.

A re Kgosi Thaba o ne a okelwa kwa lwapeng, mme a ya itekodisong kwa kokelong dinako dingwe, a re le ka letsatsi le a tlhokafetseng ka lone o ne a ile itekodisong jaaka gale mme  botsogo jwa gagwe jwa tsaya phekelo e sele.

Kgosi Thaba o tsholetswe kwa Mapoka ka ngwaga wa 1924. O ne a berekela mo dikhamphaneng tse di farologaneng kwa Aferika Borwa, mme ya re morago a boela gae kwa a neng a simolola go inaakanya le ditiro tsa mo gae, go balelwa le go nna leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse.

O ne a tlhongwa kgosi ya Themashanga ka ngwaga wa 1980 go fitlhelela a tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2011.

O tlogela mohumagadi le bana ba le lesome le boraro, basimane ba le batlhano le basetsana ba ferabobedi. 

O tla bolokwa kwa Themashanga ka Matlhatso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Themashanga

Event : Tatolo

Date : 18 Feb 2020