Breaking News

Ngwana a tlhokafala morago ga go ipelegisa ga ga mmaagwe

18 Feb 2020

Mapodisi a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme wa dingwaga tse di fa gare ga lesome le botlhano le masome a mararo a robaditsweng kwa kokelong ya Sekgoma morago ga go ipelegisa kwa lwapeng.

Superintendent Poloko Oteng o boletse mo potsolotsong gore mme yoo wa kgotla ya Makolojane o ne a lemogiwa ke batsadi ba gagwe ka go bona a sa tsoge sentle.

A re batsadi ba gagwe ba supile gore e ne ya re ba tsena mo kamoreng ya gagwe, ba fitlhela maphashaphasha a madi.

Mo ditlhotlhomisong tsa batsadi le mapodisi go ne ga bonwa ngwana yo o mosha le go tsholwa mme a setse a tlhokafetse.

Superintendent Oteng a re se, se ne sa rurifadiwa ke ba bongaka.

A re batsadi ba re ba ne ba sa itse fa ngwana wa bone a itsholofetse.

Mme yoo o santse a le kwa kokelong fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 18 Feb 2020