Go sa itseng mafelo a bodiredi go a Tshwenya
16 Feb 2020
Kgosi Mmusi Mpaesele wa Pallaroad kwa kgaolong ya Legare a re o tshwenngwa ke gore ga go lebege bodiredi bongwe jwa puso le maphata aa ikemetseng bo tlhaloganya tiro ya jone.
O buile se mo phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke lekoko le le tlhomilweng go tlhotlhomisa se se bakileng kotsi ya terena ya batho ee diragatseng kwa Pallaroad ka Morule ngwaga oo fetileng.
Badiri ba le babedi ba Botswana Railways ba ne ba tlhokafala mo kotsing e, fa bapalami bone ba ne ba falola.
Kgosi Mpaesele o ne a ntsha ngongorego ya gore morago ga kotsi, ga gona ope yo o kileng a mo raya sepe ka yone, le ntswa e diragaletse mo motseng wa gagwe e bile bapalami ba terena ba ne ba senkelwa boroko kwa sekolong se se mo motseng wa gagwe.
“Ga ke itse gore kgotsa tsamaiso ke yone e lolea. Ka gore kotsi e, le fa e simolola go begwa mo dikgannyeng, ga gona sepe se se nnileng boammaaruri mo teng,” ga bua Kgosi.
Morago ga kotsi, a re go ne ga begwa mo dikgannyeng gore e diragaletse kwa Bonwapitse. Pego e, a re e ne ya baka ketsaetsego ka go na le motse o bidiwang Bonwapitse.
A re banni ba motse oo, le Batswana ka kakaretso, ba ne ba ipotsa gore go dirilwe leng seporo se se yang kwa Bonwapitse.
O tladitse ka gore “Botswana Railways e thusitse ka go aga ntlo mo motseng wa Pallaroad, gape e na le bodiredi jo bo nnang mo Pallaroad.
A re kotsi e diragetse sekgele sa dikhilomithara di robabobedi le bone go tswa kwa nokeng ya Bonwapitse le khilomithara le sephatlo go tswa fa makgabaganyong a terena fa o tsena mo Pallaroad.
Fa a akgela, Rre Otsetswe Mangope, o gakolotse gore batlhatlhobi ba seporo ba tshwanetse go se tlhatlhoba ba tsamaya mo godimo ga sone ka dinao e seng ba le mo tereneng.
Sebui se sengwe Mme Virginia Kenosi, a re seporo se tlhoka go baakanngwa mo go tseneletseng ka gore go supega go na le bokoa bongwe. gore a seporo se itekanetse. BOKHUTLHO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 16 Feb 2020