Tona Molao o ikatumetsa dikole
16 Feb 2020
Tona wa Thuto go tswa kwa Moding, Rre Fidelis Molao, o ne a etetse dikole tse dikgolwane tsa Shoshong le Madiba bosheng.
O tlhaloseditse baeteledipele ba Madiba fa tiro e ntsi mo lephateng la thuto e le kwa dikoleng mme a ikaelela go nna gautshwane le dikole gore a lemoge letlhoko la tsone le gore go ka dirwa eng go tokafatsa seemo sa maduo a ditlhatlhobo.
A re setshaba ga se e itumedisiwe ke ka fa maduo a lekwalo la botlhano a leng kwa tlase ka teng.
Ke sone se a kopanang le bogogi jwa dikole, barutabana le boeteledipele jwa motse go amogana maele a go tokafatsa seemo.
“Maduo a ga a intumedise ka a le kwa tlase ga seelo sa masome a matlhano. Re tshwanetse ra bona gore ga go a tsamaya sentle fa kae, mme re dumalana gore re ka baakanya jang seo,” Tona Molao a supa.
Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere, o lebogetse tona go bo a tsere matsapa go etela sekole sa Madiba go itseela ka tlhamalalo seemo sa sekole seo.
Fa a ntsha la gagwe, mogolwane wa thuto kwa Mahalapye, Mme Maria Dikeme o boletse fa sekole sa Madiba se supile maduo a a tokafetseng mme a supa fa botlhoka tsebe jwa baithuti bo kgoreletsa thuto.
O file sekai ka tiragalo ya bosheng e moithuti wa Madiba a ketikileng morutabana. A re moithuti yoo o seegetswe fa thoko malatsi a le masome a mabedi.
Mo godimo ga moo, Mme Dikeme a re mokwalo o o kopang go koba ngwana mo sekoleng le one o setse o isitswe kwa bogoging.
Fa a kgwa tona dikgaba, mogokgo wa sekole sa Madiba, Mr Oscar Tshupelo o supile fa maduo a sekole mo dikoleng tsotlhe tse dikgolwane a tsholetsegile go tswa kwa go masome a mabedi le boraro ka 2018 go ya kwa go lesome le botlhano ka 2019.
Letsatsi pele ga leeto la ga Tona Molao, Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso o ne a nna le bokopano le bogogi le barutabana ba sekole se segolwane sa Shoshong le bangwe ba baeteledipele ba motse.
Mo bokopanong joo, Rre Lesaso o supile fa a tshwenngwa ke kwelotlase ya maduo a sekole sa Shoshong a lekwalo la botlhano.
Rre Lesaso a re e ne e le go akantshana le go tswa ka megopolo le ditharabololo tsa gore go dirwe jang go tokafatsa seemo sa maduo a Shoshong go ya pele.
Le fa barutabana le bone ba santse ba lela ka dikgwetlho tse di farologaneng mo tirong ya bone, Rre Lesaso o ba kopile go dira tiro ya bone ka tlhwaafalo le boineelo gore maduo a tokafale.
A re o amiwa ke gore palo e potlana ya baithuti e dirile botoka mo ditlhatlhobong, fa bontsi bo sa dira sentle.
Mogokgo wa sekole, Rre Peter Moalosi o akgoletse mopalamente maiteko a gagwe a go laletsa Tona Molao go etela sekole.
Rre Moalosi o supile matshwenyego a gore e sa le sekole se bulwa ka 1994, dikago tsa sone ga di ise di ntshafadiwe.
A re seemo sa matlo a barutabana le sone ga se itumedise e bile metsi mo sekoleng a nna fela a kgaogile. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Maswikila le Gaotlhobogwe Orefile
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 16 Feb 2020