Dikomiti di ngongorega ka tirisano mmogo
16 Feb 2020
Maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse kwa kgaolong ya Serowe Bokone ba sebete se molangwana ka dikgosana le mapolotiki aa ba tseelang ditshwetso.
Ba boletse se mo thuto pusanyong ee neng e tshwaretswe maloko a masha a dikomiti kwa Mmashoro bosheng. Maloko ao ke a a tswang kwa Malatswai, Mmashoro, Dimajwe, Majwanaadipitse le Ramakgate ba ba neng ba rutwa ditsamaiso tsa dikomiti le ditshwanelo tsa bone.Ba boletse fa komiti ya ditlhabololo e le palamente ya motse e e tsamaisang ditlhabolo jaaka go hira maloko a Ipelegeng, go bakanyetsa diphuthego tsa mapalamente le go golaganya puso le morafe.
Ba re mapolotiki ba na le go ba susumetsa ditshwetso ntle le go ba rerisa mme nako tse dingwe ba kgala ba bo ba senya se ba se akantseng le maloko le mororo ba filwe boikarabelo jwa go tsaya megopolo ya morafe le go lebelela ditlhabobolo.
Maloko ba boletse gape fa dikgosi dingwe le fa go ne e le maloko a dikomiti, di gatelela maloko. Ba boletse fa dikgosi le tsone di batla go dirwa tse ba di akantseng go na le megopolo ya dikomiti.
Kgosi Kebadiretse Kebonemang wa Dimajwe o boletse fa dikomiti dingwe di nyatsa bogosi, ka jalo di dira di le nosi di sa rerise bogosi.
Kgosi a re fa dilo di ya masweng, ke gone ba boelang kwa go bone. A re ke bone badisa ba morafe ba itse matlhoko a bone jaanong dikomiti di dira di le nosi. Kgosi Motalaote Motalaote wa Botalaote ene o boletse gore fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di dirisana mmogo le bogosi, makhanselara le badirelapuso tsotlhe di ka tsamaya ka botswerere go se na dikgogakgogano.
O boletse fa dikomiti di laolwa ke melawana mme di tshwanetse go o sala morago gore ditlhabololo di seka tsa kgoreletswa ke sepe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MMASHORO
Event : Potsolotso
Date : 16 Feb 2020