Breaking News

Makwinja o kopile Batswana go emisa go rekisa lefatshe

16 Feb 2020

Mopalamente wa LentsweletauMmopane, Mme Nnaniki Makwinja, o kopile banni ba Kopong go emisa go rekisa lefatshe.

Mme Makwinja o buile se mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa Kopong bosheng.

A re lefatshe ke letlotlo le le sa tshwanelang go rekisiwa, bogolo jang la temo.

Mme Makwinja o kopile banni go tswelela ba lema ka natla gore ba direle lefatshe leno dijo.

O ba gwetlhile go dirisa mananeo a puso jaaka ISPAAD le LIMID.

Mopalamente a re tse tsotlhe ba ka di kgona fela fa ba na le lefatshe.

O tsweletse a tlhalosa gore puso e tlaa dira ka natla go tsisa ditsompelo tsotlhe tse di tlhokwang ke balemisi gore ba dire tiro ya bone ka maatlametlo.

Mo go tse dingwe, Mme Makwinja, yo gape eleng mothusa tona wa thuto go tswa kwa moding, o boleletse banni fa puso e le mo lenaneong la go aga sekolo se se botlana mo motseng wa bone go fokotsa mosuke mo go tse di leng teng.

O rotloeditse batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone, a ba a kopa gore ba tlhokomele dikago tsa matlwana a borutelo.

Kgosi Mompati Molefe ene o ne a lebogela bokopano joo, a supa fa e le jwa ntlha morago ga ditlhopho.

Kgosi Molefe o tlhalositse fa maikaelelo a phuthego e le go lekola morafe le go tla go utlwa matshwenyego a bone, mme a supa fa ba tshwenngwa ke letlhoko la metsi.

A re didiba tse di teng ke tsa bogololo, mme ga di sa tlhola di lekana go nosa morafe otlhe ka gore motse o godile.

O boleletse mopalamente fa ba na le tlhaelo ya badirela puso, bogolo thata baoki le barutabana.

Fa ba ntsha la bone, banni le bone ba ne ba ngongoregela letlhoko la metsi.

Ba ne ba ba kopa gape gore tsela ya Metsimotlhabe-Kopong e baakanngwe ba re e baka dikotsi tse dintsi.

Ba supile fa ntlo lehalahala ya motse e se mo seemong se se siametseng go dirisiwa, ba kopa gore e baakanngwe e bo e tsenngwe motlakase.

Banni ba ne ba kopa gape gore go okediwe badiri ba Ipelegeng, ba bolelela fa ditiro di le dintsi, mme ba ba hirilweng ba sa kgone go di dira.

Fa a tsibogela dikakgelo tsa bone, Mme Makwinja o boletse fa a tla a tsaa dikakgelo tsa bone go di isa kwa maphatheng a a lebaneng.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Naomi Leepile

Location : Gaborone

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 16 Feb 2020